Breaking News

Puso e bolotsa ntwa

03 Nov 2015

Mothusa Tona wa Botsogo, Dr Alfred Madigele, a re puso e itepatepantse le seemo se go bonalang se golela pele sa malwetse  a a sa tshelanweng.

Fa a bua kwa Martins Drift ka letsatsi la boitekanelo le le neng le rulagantswe ke badiri ba molelwane wa Martins Drift, Dr Madigele o boletse fa malwetse a a sa tshelanweng jaaka sukiri, madi a matona, kankere le go nna le mahura a mantsi mo mmeleng a aname thata mo nakong eno.

A re malwetse a a sa tshelanweng a setse a tsere phekelo e sele ka mo nakong eno a baka dintsho ntswa mangwe a one a kabo a femiwa ka go a thibela ka methale e e farologaneng.

Dr Madigele a re go fokotsa le go lwantsha seemo se se itemogetsweng sa go anama ga malwetsi a, mongwe le mongwe o tshwanetse a ikitee ka thupana mme a tsee boikarabelo jwa botsogo jwa gagwe.

A re motho o tshwanetse a ikemele ka dinao mme a dire thulaganyo ya gore mo ngwageng a itlame gore o tla a itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng ka mangwe a one a sena dikai dipe mo mmeleng wa motho fa a simolola.

A re se motho a ka se dirang go tlhokomela mmele wa gagwe ke go itshidila mmele, go fetola mokgwa wa go ja, go fokotsa bokete jwa mmele, go emisa go goga motsoko le gone go fokotsa dino.

A re bontsi jwa malwetse a a sa tshelanweng a tsena motho ntateng ya gore ga a dire dilo dingwe sentle go tlhokomela mmele wa gagwe. 

A re bangwe ba iphitisa dino tagi, bangwe ba ja dijo tse di sa siamelang mebele ya bone fa bangwe ba goga motsoko mme fa mongwe le mongwe a ka fetola tse, a ka tsisa pharologanyo.

Dr Madigele a re motho o tshwanelwa ke go tlhokomela mmele wa gagwe ka go ja dijo tse di siameng jaaka dijo tse di senang mafura a mantsi le dijo tse di senang letswai le lentsi.

A re botsogo ga se jwa go tlhoka ditlhabi mo mmeleng fela mme ke go tsoga mo tlhaloganyong le mo moweng. 

A re go botlhokwa thata gore e re go twe motho o a tsoga go bo go lebilwe gore tlhaloganyo le maikutlo a gagwe di iketlile ebile di mo seemong se se siameng. 

A re tlhaloganyo le maikutlo ke tsone mmangmang ebile ke tsone tse di ka letlang motho go ntsha maduo mo tirong. 

Dr Madigele a re fa maikutlo, tlhaloganyo le mmele di tsogile sentle mmereki ga a na go nna a ikopetse ruri mo tirong mme o tla a remelela mo go ntsheng maduo.

O ne a rotloetsa boeteledipele jwa badiri ba Martins Drift go tshwara letsatsi la boitekanelo kgapetsakgapetsa gore badiri ba kgone go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Rapitsenyane

Location : Martins Drift

Event : Tsatsi la boitekanelo

Date : 03 Nov 2015