Breaking News

Komiti ya boipuso e tlhantlhetse

03 Nov 2015

Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, Rre Boyce Sebetela, o kopile banni ba Jwaneng go tswa ka megopolo ya go ipelela mokete wa letsatsi leo ngwaga o o tlang.

O buile jalo kwa kgotleng ya Jwaneng morago ga toropo eo e sena go amogela molelo wa kgolagano o o dikologang lefatshe leno.

O tlhalositse fa maikaelelo a molelo oo e le go gakolola Batswana ka matshego a popagano, puso ya batho ka batho, ditlhabololo le go ipelela lefatshe leno l. 

O boletse fa komiti ya gagwe e gatetse pele go tlhagolela tsela mokete oo, mme a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba Jwaneng le bone ba nne le seabe mo go ipeleleng letsatsi leo.

 A re molelo wa kgolagano ke nngwe ya dithulaganyo tse di rurifatsang fa boipuso jwa ngwaga o o tlang e le jo bo faphegileng, ka jalo go le botlhokwa gore dikgaolo ka go farologana di nne le dithulaganyo tse di nonofileng.

Rre Sebetela o tsweletse ka go tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore mafelo otlhe a lefatshe leno a kgabisiwe ka mebala ya folaga ya Botswana. 

A re go kgabisa mo go tshwanetse ga dirwa go sa le nako.

O boile gape a kopa setshaba ka kakaretso gore ba netefatse gore Labotlhano mongwe le mongwe ba apara mebala ya folaga ya Botswana. 

A re selo se se seka sa dirwa ke badirelapuso fela mme le badiri ba dikompone tse di ikemetseng ka nosi ba diragatse thulaganyo eo. 

A re go dira jaana go supa fa Batswana ba tshwaraganetse go ipelela boipuso jwa lefatshe la bone.

O tlhalositse fa keletseo gape e le gore Botswana a bo a le phepa fa ngwaga o o tlang o goroga.

O kopile popagano le tirisano mmogo mo Batswaneng gore maikaelelo a a tle a atlege.

Kgosi ya toropo ya Jwaneng Rre Segale Letshele o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore Batswana ba tswelele ka go tshwaragana le ntswa e le ba ditso tse di farologanyeng. 

A re merafe e mengwe e tswela batho ba lefatshe leno pelo ka fa ba bonang go rena kagiso le thokgamo ka teng.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Letshele o ne a kopa banni ba toropo ya Jwaneng gore ba itshekatsheke ka bongwe ka bongwe go bona gore seabe sa bone ke eng mo kagisong e. 

A re go botlhokwa gore e re ntswa Botswana e le sekgantshwane sa tse dintle, batho ba supe seabe sa bone gore lefatshe leno le tswelele le itsege ka dilo tse dintle.

A re e re ntswa go na le dikgwetlho mo lefatsheng, Batswana ba tshwanetse ba di lwantsha gore ba tsweledise kagiso le thokgamo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Phuthego

Date : 03 Nov 2015