Dilalome ga di lebele dipudi kwa Shashemooke
03 Nov 2015
Borukutlhi jwa go utswiwa ga loruo kwa Shashemooke mo kgaolong-potlana ya Tonota Borwa bo tlhora banni ba koo boroko. Seo se builwe ke Kgosi Batshogile Adam wa motse oo mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mokhanselara, Rre Anderson Moalosi bosheng.
Kgosi Adam o tlhalositse fa loruo lo jewa ke dilalome. A re loruo lo lo amegang thata ke dipodi e bile di buelwa mo matlong a go sa nneng ope mo go one, mme go fitlhelwe matlalo a tsone fela.
A re borukutlhi jo bo dirwa ke bana ba ba mo motseng eseng bape gape.
O gwetlhile batsadi go kgalema bana ba bone gore ba ikgaphe mo dikgannyeng tsa borukutlhi jwa go utswa loruo ka di ka ba senyetsa isago. Fa ba latlhela la bone, banni ba boletse fa go jewa ga dipodi tsa bone go ba apesitse kobo ka letshoba ka ba ikaegile ka loruo la bone go itshetsa.
Ba re dingwe tsa dipodi tsa bone di buelwa mo melapong masigo mme se se bake gore ba sa le ba sena leruo ba iphotlhere fela.
Mo godimo ga moo, banni ba tsweletse ba tlhalosa fa barui bangwe ba sa tlhokomele leruo, ka le gobeya mo tseleng e e tswang mo motseng wa bone go leba toropo kgolo Francistown mme le felele le dirisa bakgweetsi dikotsi.
Ba kopile gore meraka e e bapileng le tsela e e tswang mo motseng wa bone go ya Francistown e fudusidiwe ntlha e le ngwefela ko go sa tsamayeng dikoloi go hema dikotsi.
E rile a akgela mo selelong sa banni mabapi le go utswiwa ga leruo, mokhanselara Moalosi a re banni ba tshwanetse go bega dikgang tsa bogodu ja leruo ko go ba molao gore dilalome di tseelwe dikgato nako e sa le teng.
A re banni ga ba a tshwanela go boifa sepe kana go bipa mpa ka mabele ba re ke bana ba bone ba sa begele ba molao.
O tsweletse a tlhalosa gore banni ba tshwanetse go gana go reka nama ya leruo le ba sa itseng gore le bolaetswe kae le gore ke la bo mang.
O kopile banni ba ba nang le dipodi tse di ntsi go di fokotsa ka ka go di rekisetsa ba lenaneo la nyeletso lehuma go inola Batswana ba bangwe mo lehumeng gore le bone ba kgone go ruwa le bone ba tle ba rekisetse ba bangwe fela jalo. Ends
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Shashe Mooke
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Nov 2015






