Kemonokeng e ka isa bana mankalengkaleng
03 Nov 2015
Mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, o kgothaditse batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. Rre Morupisi o ntshitse kgothatso kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se sebotlana sa Xhumo kwa kgaolong ya Boteti.
A re thuto ke motlhala wa bokamoso jo bo siameng mme bana ba ka kgona fela ka thotloetso le kemo nokeng ya batsadi.
A re batsadi ba tshwanetse go nna le seabe se se tona mo thutong ya bana ba bone ka go tlhokomela gore bana ba dira tiro ya bone ya sekole ga mmogo le go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana.
Rre Morupisi a re thuto ga se go ruta bana dithuto fela, mme ke go rotloetsa botho, boitshwaro le go gogela bana mo Modimong.
O tsweletse ka go kopa batsadi go gakolola le go kgalemela bana fa ba sa dire sentle lefa e se ba bone gore ba tle ba itse gore mogolo mongwe le mongwe ke motsadi.
Rre Morupisi o kgothaditse batsadi go ema nokeng komiti ya batsadi le barutabana, a re o lemogile gore batsadi ba latlheletse dikomiti tse ka gore ba akanya gore barutabana ke bone ba tshwanetseng go tlhokomela thuto ya bana.
O ne a akgola bana ba ba amogetseng dimpho a re ba tswelele ba dire bontle jalo go tsena kwa dikoleng tse dikgolwane.
O bile a rotloetsa baithuti go ithuta thata gore ba tle ba fenye dithuto tsa bone a re ba ka kgona se fela fa ba bala, ba dira tiro ya bone ya sekole ya kwa malwapeng.
O bile a kopa kgosi gore a rotloetse batsadi gore ba tsenye letsogo mo thutong ya bana le go ba kgothatsa gore ba ikgaphe mo dilong tse di maswe tse di ka ba senyetsang sekole.
Rre Morupisi o ile a leboga barutabana ba sekole seo, boineelo jo ba nang le jone lefa ba na le dikgwetlho tsa lefelo le ba berekelang mo go lone.
Rre Morupisi o itlamile go nna morotletsi wa sekole se sebotlana sa Xhumo mme o ba thusitse ka P3 000 go baakanyetsa moletlo wa kabo dimpho.
A re maikaelelo a gagwe ke go bopa sekole sa Xhumo gore se tswe mo maduong a a kwa tlase a se mo go one gompieno.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Gagobonwe Tshegofatso, o supa fa ba tlhaelelwa ke metsi seemo se a reng se maswe ka jaana ba dirisa diemere kwa matlwaneng a boitiketso, tiego ya go emisediwa ga barutabana ba ba fudisitsweng, maduo a a kwa tlase le tlhaelo ya dibuka.
Mme Tshegofatso a re batsadi ba rotloetsa sekole mme mo thutong ya bana ga ba tle, o bile a re barutabana ba a leka le fa maduo a le kwa tlase.
E rile a tlhalosa ka maikaelelo a moletlo oo, morulaganyi wa one mme Dipula Nkape a re ke go rotloetsa bana ba ba dirileng sentle, le gore ba ba sa tsayang sepe ba kgothale ba batle go fenya. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Kabo Dimpho
Date : 03 Nov 2015






