Breaking News

Ditlhare di tshegeditse Marutshe

03 Nov 2015

Lelwapa le nna lentle thata, tikologo yone e nna e e kgatlisang le go nkga monate fa e dikologilwe ke ditlhare. Ntleng ga moo, kgotlhego ya lefatshe e nna teng ka ditlhare di a bo di seo go tshwara mmu.

Ka jalo, temo ya ditlare ke selo se se tshwanetseng go dirwa ka natla. 

Go buile jalo Mme Keimetswe Marutshe  mo potsolotsong kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi bosheng. O ne a tlhalosa fa a simolotse temo ya ditlhare ka go nna a di kopa mo baagisanying.

O ne a tswelela jalo ka go lema mo lelwapeng la gagwe jaanong e le mo go kgatlhisang bogolo le go feta ka ene a ne a di kgobokantse e le selo se le sengwe.

Mme Marutshe a re jaanong banni ba motse wa gagwe ba ne ba tshwenya thata ka go di kopa mme a bona gore jaanong a fetole tshingwana ya gagwe e nne ya kgwebo. 

O supile gore banni ba rata tshingwana ya gagwe ka e bile le ka nako ya manyalo, banyalani ba a  tle ba ye kwa lefelong leo go itseela dinepe teng mme ba mo atswe ka sengwe. 

O tlhalositse fa a rata thata fa ba itseela dinepe teng ka mo nakong eo ga ba tseye sepe go na le fa jaanong a rekisa dithunya ka a tlaa tshwanelwa ke go lema gape.

Mme Marutshe o ne a bolela fa puso e ne ya mo ema nokeng ya mo tsamaisa le balemi ba bangwe ba ba mo metseng e e mabapi go kwatabolotsa mo go bone

O ne gape a bolela fa a ne a ya go tsena dithuto kwa Sebele ka ngwaga wa 2013. 

A re o ne a feta a lemoga fa mmu wa Kgalagadi o sa nonofela temo eo mo ditlhareng tsotlhe ka jalo a tshwanelwa ke go dira maretshwa go siamisa mmu o a o dirisang.

A re o tswakanya mmu, boloko jo bo sa tswang go dirisiwa mo kagong, molora wa leiso le motshotelo.

O ne a tlhalosa fa mmu oo o nna mo seemong sa seloko e bile o na le dikotla le go feta ka a bona go gola bontle ga dithunya tsa gagwe.

A re o di tlhakanya a bo a tshela metsi go bolaya ditshidi le sepe fela se se ka nnang sa tlhoga mo mmung oo pele a ka lema. 

Mme Marutshe o ne a tswelela ka gore o lemela mo mabokosong a chibuku, a a itemogetseng fa boleng jwa one bo siametse temo thata ka go le motlhofo go ntsha dithunya mo go one medi e sa kgoreletsege ka gope fa a tshwantshanya le tiriso ya dipolaseteki tse di dirisiwang.

A re ntleng le moo o thusa mo go phepafatseng motse wa gaabo ka mo nakong eo dibokoso tseo e a bo e le matlakala a a gasameng le mebila fela. O boletse fa theko e le boutsana mme a namediwa ke gore batho ba supa kgatlhego le fa ba sa reke.

A bolela fa bangwe ba  ba ratang dithunya mo motseng ba  reka le  ba ba tswang mo mafelong a a mabapi, a tlhalosa fa maphata a puso a tle a reke le go mo thapa ka nakwana go ba lemela le go di ela tlhoko gore a di tshwere. 

O ne gape a tswelela ka gore tlhaelo ya metsi ke yone kgwetlho e tona ya kgwebo ya gagwe, a re metsi a botlhokwa thata bogolo jang mo ditlhareng fa di santse di le dinnye.

A re se sengwe se se tshwenyang ke  taolo ya diji le malwetsi a tlhalosa fa se se ka busetsa kgwebo kwa morago. O rotloetsa Batswana go itshwara ka natla ka go ntlafatsa tikologo ya bone le bomme go jwala dithunya ka di naya lelwapa seriti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keiketlile Kelefhile

Location : Omaweneno

Event : Potsolotso

Date : 03 Nov 2015