Mokhanselara o kgala batsadi ba Chadibe
02 Nov 2015
Mokhanselara wa kgaolwana ya Chadibe/Borotsi/Matlhako, Rre Gabarutwe Maboka, o kgadile batsadi ba ba rontshang bana go tsena sekole ka go ba tsaya ba ya go nna le bone kwa dipolaseng.
Mokhanselara Maboka o kgadile seemo se fa a ntsha mafoko a kgothatso kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Chadibe bosheng.
A re go le gantsi fa dikole di tswala, batsadi ba ba dirang kwa dipolaseng ba na le mokgwa wa go tsaya bana ba bone gore ba e go jela malatsi a boitapoloso kwa dipolaseng mme e re fa dikole di bulwa ba bo ba sa ba busetse kwa sekoleng.
O supile fa gantsi bana ba ba amegang thata e le ba ba abong ba emetse maduo a lokwalo lwa bosupa go ya go tsweledisa dithuto tsa bone kwa sekoleng se segolwane sa Mokobeng.
Mokhanselara Maboka o tsweletse ka gore bangwe ba bana bao ba felela ba thapiwa mo dipolaseng tseo le ntswa dingwaga tsa bone di sa letle gore ba bereke, a re go thapa ngwana yoo kwa tlase ga dingwaga ke molato.
O ne a supa fa bangwe ba bana ba, ba basetsanyana ba felela ba ima ba ntse ba le gone kwa dipolaseng, selo se a reng se baya matshelo a bone mo diphatseng ka mebele ya bone e a bo e ise e tie.
Rre Maboka a re batsadi ba tshwanetse go betlela bana ba bone botshelo jo bo eletsegang ka go ba rotloetsa go tsena sekole le gone go bona gore ba dira sentle kwa sekoleng.
O ne a tswelela ka go kgala bana ba e reng ba tsena kwa sekoleng se segolwane sa Mokobeng ba bo ba simolola boitshwaro jo bo duleng mo tseleng ka jaanong ba sa nne le batsadi ba bone ba nna mo sekoleng.
O ba kgothaditse go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, selo se se ka ba betlelang isago e e eletsegang.
A re ba dirise sebaka sa go nna mo sekoleng go tokafatsa maduo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Chadibe
Event : Kabo Dimpho
Date : 02 Nov 2015






