Botswelelo Tlale o bolokilwe
02 Nov 2015
Makgolokgolo a batho a ne a tshologetse phitlho ya modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Rre Botswelelo Tlale, kwa Shoshong ka Matlhatso.
Rre Tlale, yo tlhokafetseng kgwedi e fetileng e le masome a mabedi le bosupa, o tsholetswe kwa Shoshong ka 1947. O ne a dira dithuto tse dipotlana kwa Shoshong primary ka 1959.
Morago ga go fetsa dithuto tse dipotlana o ne a tlhapiwa ke khansele ya legare ele pompara kwa Sedibeng sa Diphuduhudu, mme morago a hudusetswa kwa Bobonong go fithela ka 1969 fa a tlhapiwa ke ba lebenkele loora-Shaw, ba e rileng atswa mo go bone ka 1975 a tlhapiwa ke lephata la dikitsiso le seromamowa e le mmega-dikgang kwa Mahalapye.
Rre Tlale yo ditsala tsa gagwe di neng di mmitsa Bots Babby fa badiri ka ene mo Mahalapye bane ba mmitsa Shamba one aya go ithutela tiro ya bobega-dikgang kwa lefatsheng la India ka 1995 a dira dithuto tsa Diploma in Journalism kwa e rileng a tswa teng a tlhatlosiwa maemo go ya go berekela kwa Maun.
Moswi yo tlogelang mohumagadi wa gagwe,bana bale batlhano, bana ba bana ba le bane le bomonnawe bale batlhano, o tlogetse tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2006, mme morago a thapiwa go nna mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Shoshong ka 2012, tiro ye a tlhokafalang a ntse a le mo go yone.
Ba lelwapa la moswi ba ba neng ba akaretsa Rre Ethasetse Tlale, Rre Radikube Tselampe le Mme Galemodimo Magapatona ba tlhalositse fa Rre Tlale e ne ele motho yo mabu, boineelo, loratlo e bile ele motho yo senatla mo ditirong tse a di neilweng ke setshaba kana puso.
Bangwe ba dibui e ne ele mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele, mogolwane wa pele wa lephata la dikitsiso kwa Francistown, Rre Tasicius Modongo, mokgweetsi wa pele wa lephata leo Rre Tshekiso Ngake le Rre Tswaing Legama ba le bone ba boletseng fa Rre Tlale e ne ele motho yo a seng maikgantsho e bile a le dinywao.
Moswi, yo e neng e le ngwana wa ntlha wa ga Rre Gabapalelwe le Mme Gaboeme Tlale, o tlhokafaletse kwa kokelong ya Mahalapye beke e fetileng morago ga go phadimogelwa ke bolwetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Shoshong
Event : Phitlho
Date : 02 Nov 2015






