Breaking News

Banana ba Bokone ba ikemisetsa go tsosolosa ngwao

02 Nov 2015

Ka mmaikaelelo a go leka go tsosolosa le go tshegetsa ngwao ya bone, banana ba metse ya Mapoka, Nlapkhwane, Masukwane, Kgari le Pole mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba sa tswa go rulaganya moletlo wa letsatsi la ngwao.

Moletlo o, o o neng o tshwaretswe kwa Mapoka bosheng, o ne wa rotloediwa ke lephata la banana, metshameko le ngwao ka P35 000.

Fa a bula semmuso letsatsi leo, Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkhwane,  o ne a re go botlhokwa gore batho mo malwapeng ba nne le seabe mo ngwaong ya bone ba bo ba tlhwaafalele go inaakanya le yone go dira gore ba itsege ka yone le gore e seka ya nyelela.

Kgosi Mudongo a re sengwe se se botlhokwa se se ka godisang le go somarela ngwao ya Bakalaka ke go ipelafatsa ka puo ya bone, a ba gwetlha go e bua ka phuthulogo ka e bile e le sengwe sa dilo tse di thusang go farologanya ngwao ya bone le ya merafe e mengwe.

Kgosi a re dingwe tse Bakalaka ba tlholegileng ka tsone jaaka kapari, botho, kagiso, therisanyo le go bereka ka thata ba tshwanetse ba di tsosolosa e le bontlha bongwe jwa go tsosolosa ngwao ya bone.

 O tsweletse a tlhalosa fa puso e leka bojotlhe go rotloetsa le go godisa dingwao tsa merafe ya lefatshe leno ka go farologana, a re ka jalo go mo maruding a morafe wa Bakalaka go bona gore ga ba gatelele ngwao ya bone. 

Mo go la gagwe, molomaganya ditiro tsa lephata la banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Boikarabelo Diane le ene o ne a gakolola Bakalaka go ipelafatsa le go tsaya tsia ngwao ya bone, a re go ka nna matlhabisa ditlhong gore e re merafe e mengwe e sena go kopa ditiragalo dingwe tsa ngwao ya bone jaaka mmino le tse dingwe bone ba bo ba nna fela ba sa dire sepe

Mme Diane a re go botlhokwa gore ngwao e jwelelele go tswa kwa bagolong go ya kwa baneng, a tsibosa batsaya karolo mo moletlong oo go dirisa mananeo a a leng teng mo lephateng la gagwe a a itebagantseng le go thusa mo go rotloetseng ngwao.  

Fa a nankola maikaelelo a letsatsi leo, monana mongwe wa motse wa Mapoka, Rre Mbolayi Matilamba o ne a bolela fa ba ne ba bona go tshwanela gore ba rulaganye moletlo oo go leka go tsosolosa le go godisa ngwao ya bone.

A re ba lemogile fa go tsosologa ga ngwao go ka thusa mo go tsosoloseng itsholelo ya lefatshe leno ka jaana dingwe tsa ngwao jaaka mebino le petlo ya didirisiwa tsa setso di thusa bangwe go itshetsa ka tsone le gone go tlhamela bangwe mebereko.

Rre Matilamba o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo goreng moletlo oo o atlege,  mme segolo jang a leboga lephata la banana, metshameko le ngwao ka jaana le ba thusitse gore ba fitlhelele kwa maikemisetsong a bone a go tshegetsa letsatsi leo.

A re keletso ke go tswelela ba tshegetsa moletlo oo, ka jalo a kopa batsadi go tswelela ba ba ema nokeng le gone go ba tlhatlhelela ka ngwao ya bone.

Moletlo o ne wa natefisiwa ka mebino ya setso jaaka Hosana, Mokomoto le e mengwe fela jalo mme dijo tsa setso tse di tlwaelesegileng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, le tsone di ne di le teng mo letsatsing leo, jaaka morogo wa dobi, chimoni, thopi, zengwe le bojalwa jwa Setswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mapoka

Event : Moletlo

Date : 02 Nov 2015