Breaking News

Kgosi Malope o bolotsa letsema

02 Nov 2015

Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, o boloditse letsema.

O dirile jalo kwa phuthegong ya kgotla beke ee fetileng, a tlhalosa gore ke tlwaelo ya Bangwaketse gore e re fa ngwaga o tloga o fela, go bolodiwe letsema gore morafe o ye go lema. O tlhalositse fa kwadiso ya manyalo e tlaa ema kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le mararo.   

Kgosi Malope II o tlhalositse gape gore o tswaletse ditsheko tse disha. O tlhalositse fa ditsheko tse di tsweletseng tseo di tlaa emisiwa Morule a tlhola malatsi a le mararo.

Kgosi o buile fa ditsheko le manyalo di tla a bulelwa kgwedi ya Hirikgong e le malatsi a le lesome le boraro ngwaga oo tlang.

O tlhalositse gore fa a re manyalo a tla a tswalelwa ga a reye gore beng ba manyalo ga ba kake ba keteka ditseo tsa bone tse di setseng di pegilwe.

Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o kopile morafe go rapelela pula. 

O itsisitse morafe fa go tla a nna le batho bangwe ba ba tlaa tsamayang le motse wa Kanye ba rapelela pula ka jalo o kopile morafe go ba amogela ka diatla tsoopedi.

Kgosi o ne gape a tlhalosa fa molao wa leruo le le sailang mo mebileng o setse o le mo tirisong ka jalo a gakolola morafe go le ntsha mo motseng e sere gongwe ba lela sa khuranyo ya meno.

 Kgosi o tlhalositse fa beng ba leruo le le gapilweng ke khansele ba tlaa le golola ka madi. 

A re molao o o tla a dirisiwa kwa Kanye le Moshupa ka ke yone e e supileng fa leruo le le sa tlhokomelweng le ba tshwenya.

“Ke lo kopa ka tsweetswee gore lo tsoseng diterata lo disetseng mo merakeng e seng mo motseng ka loruo lwa lona lo senyetsa ba bangwe,” ga bua Kgosi Malope.

Fa a tswa la gagwe Kgosi wa motse wa Mmathethe Kgosi Daniel Mathiba a rotloetsa morafe go ititaya ka thupana go isa leruo merakeng a tlhalosa fa le eja metseto ya bana mo metseng mme se le bakele bolwetsi jwa mabele le bo le bona tlhwatlhwa ee kwa tlase kwa matlhabelong.

Kgosi Mathiba gape o kopa morafe go itisetsa leruo la bone go thibela bogodu.  Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o rotloeditse banna go dira loaro la borre ka dipalo tsa ba botsogo di supa fa ba le maoto a tshupa go dira jalo.

Kgosi gape o buile fa go supagala fa botlhoka tsebe jwa bana bo ile magoletsa ka jalo a kopa morafe go kgalemela bana ba bone nako e sale teng e seng jalo batla a thanya le le tsebeng. 

Ralekgotla wa kgotla yoora Ntwayagae mo Kanye Rre Pulafela Ntwayagae o gateletse gore bana ba kgalemelwe ka ke bone baeteledipele ba kamoso. Are bana ba tshwanetse go supegediwa tsela fa ba fapoga.

O kopile batsadi go lesa go mpampetsa are go dira jalo ke go itshenyetsa bana.

Erile a ntsha la gagwe Mothusa kgosi ya Moshupa Kgosi Kwelagobe Mookodi a kopa batsadi gore ba ise bana ba bone kwa kgosing gore ba alafiwe ka thuba fa ba dule mo tseleng.

A re botlhokatsebe bo fokotsegile kwa Moshupa ka jaana batsadi, barutabana le ba bogosi ba bereka mmogo go alafa bolwetsi jwa botlhokatsebe ka thupa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kanye

Event : Moletlo

Date : 02 Nov 2015