Kgotlholo e tona ke mmaba
02 Nov 2015
Mogolwane mo lephateng la botsogo, Mme Shelly Keakile, a re kgotlholo e tona (TB) ga e tlhaole.
Mme Keakile o buile jalo kwa kgaisanyong ya mmabontle le rabontle e e neng e diretswe go tsibosa batho ba kgaolo ya Gaborone le tikologo ka kgotlholo e tona bosheng.
“Bolwetse jwa TB bo setse e le mmaba yo o amileng lefatshe ka bophara ntswa bo alafesega.
Lefatshe la Botswana le lone le amegile, e bile bontsi jwa batho ba ba nang le mogare wa HIV ba tlhokafala ka ntlha ya kamano ya TB le HIV/AIDS,” a tlhalosa.
A re le fa go ntse jalo ga se gore mongwe le mongwe yo o lwalang TB o na le HIV.
“Kgaolo ya Gaborone le tikologo e ne e na le balwetse ba TB ba le 1 172 ka 2014, banna ba dira masome a matlhano le bone mo lekgolong, basadi ba dira masome a ma le borataro mo lekgolong.
Mo go bone ba ba neng ba na le mogare wa HIV ke masome a marataro le bosupa mo lekgolong, mme ba ba neng ba seka ba tsaya kalafi ka fa tshwanelong ka 2013 ke ba ba ratileng go tshwara boraro mo lekgolong,” a tlhalosa.
A re seemo se se tshwenya thata ka bolwetse jwa TB bo tshelanwa, a bo a tlatsa ka gore go tlhoka go tsaya kalafi sentle go bakwa ke go tlhoka kitso ka kanamo ya bolwetse, go tlhoka go tlhaloganya kamano ya TB le HIV, kgethololo kwa ditirong kgotsa kwa malwapeng, le go tlhoka go ikamogela ga ba ba lwalang bolwetse jo.
O tlhalositse fa bolwetse jwa kgotlholo e tona bo bakwa ke mogare e bile bo ama thata makgwafo, a tlatsa ka go re bo anama ka go tsamaya ka phefo go tswa mo mothong yo o lwalang TB ya makgwafo fa a gotlhola, a tshega kgotsa a ethimola.
A re bolwetse jo ga bo tshelanwe ka go fapaanela dikobo, dijana le go tshwarana ka mabogo.
O supile fa go le botlhokwa gore setshaba se tlhaloganye ka malwetse a mabedi a TB le AIDS, ka go ka dira gore se amogele balwetse ba TB se be se nne le seabe mo go thuseng go emisa kgethololo ya balwetse ba TB.
“A re supeng tshwaragano, boitshoko le lorato mo go lwantsheng kgethololo ya balwetse ba TB.
A maikaelelo a go lwantsha kgethololo kgatlhanong le bolwetse jwa TB a se felele fa, a a bonale mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Gaborone
Event : Mmabontle
Date : 02 Nov 2015






