Breaking News

Lephata la ditsela le abela modiri wa pele

02 Nov 2015

Letsatsi la Matlhatso le ne la tsisa boitumelo mo modiring wa pele wa lephata la ditsela, Rre Chemelani Moloi, ka gore badiri ba lephata leo ba ne ba mo gopole morago ga go kgaogana le ene lebaka.

Ba ne ba mo abela dimpho tse di lopileng makgolo a marataro a dipula. Dimpho tseo di ne di akaretsa dijo le melora.

Rre Moloi e ne e le modiri mo lephateng leo go tswa  ka ngwaga wa 1985 go fitlha ka ngwaga wa 1989 morago ga go bona kotsi ya koloi ee neng ya mo tlogela ka bogole gone ka ngwaga wa 1989.

Rre Moloi yoo dingwaga tse di masome a marataro le bobedi e ne ele mokgweetsi wa tlhwatlhwa , a direla mo kgaolong ya Masunga, mme ka go tlhoka lesego tiro ya gagwe ya khutshwafala a santse a itshupa botswerere le bonatla ka ba ne ba ya go simolola go dira tsela ya Maun-Sehithwa.

E rile a tswa la gagwe, Rre Moloi o ne a leboga modimo go bo a tshedile, a tlatsa ka gore le gompieno batho ba santse ba mo gakgamalela go bo a falotse leso, mme a supa fela fa ele lorato le thato ya  modimo. 

O ne a leboga lephata la ditsela go bo ba sa mo lebala lentswa ba na le dingwaga ngwaga ba sa lekodisane mme a ba rotloetsa go tswelela ka mowa wa bone o montle wa kutlwelobotlhoko.

A re fa o le mo-na-le bogole ga o a tshwanela go iphitlha kwa morago ga ntlo mme o tshwanetse go nna o ikgolaganya le batho gore o kgone go ikamogela le bone gore ba tle ba kgone go go thusa fa ba kgonang teng.

E re ka e bile letsatsi leo ene ele la itshidilo, Rre Moloi o rotloeditse ba-nale-bogole ka ene go itshidila go sa kgatlhalesege gore a o tsamaya ka kolotsana jaaka ene.

Mookamela lephata leo mo kgaolong ya Masunga, Rre Wilton Phale o tlhalositse fa itshidilo e le botlhokwa mo botsogong jwa mongwe le mongwe. 

O rotloeditse ba-nale-bogole jaaka mongwe ka bone Rre Moloi go  tswelela ba itshidila.

A re  malwetse a mangwe a bakwa ke go sa itshidila fa a mangwe a kojwa ke go itshidila. Go ya ka Rre Chris Moseki mo boemong jwa molaodi wa kgaolo ya bokone botlhaba, o tlhalositse fa go tshwanetse ga nna le therisanyo magareng ga babereki.

A re fa mmereki a sa tsoga sentle o tshwanetse go rerisa mogolwane wa gagwe e seng go itoba a bo a bereka fela le ntswa a ikutlwa gore o bokoa. 

O tladitse ka gore botsogo ga se jwa mo mmeleng fela , mme le tlhaloganyo.

Rre Moseki o tsweletse ka gore dikgwetlho di tshwana tsa madi le tsone di ka baka bokoa mo mothong.

O rotloeditse ba dikomiti tse di eteletseng pele tsa itshidilo mo maphateng ka go farologana go kabakanya ditirelo. 

A re nako tse dingwe ba tshwanetse go dira metshameko, dipuisano, metlae le tse dingwe ka le tsone di thusa go sidila maikutlo ga mmogo le gone go baakanya ditlhaloganyo.

A re o lemogile fa bontsi bo sa rate metshameko e ka tswa ele ya kgwele ya dinao kgotsa bolo tloa ka jalo metshameko e tshwana yone metlae mo tirong phakela le yone e ka thusa go sidila maikutlo. O rotloeditse maphata go tshwaragana le go nonotshana.

Mmabontlenyane wa lephata leo, Mme Kaone Paya o ne a supa fa itshidilo e se go ya kwa mafelong a itshidilo fela. 

O gwethile babereki go emisa go bipa mpa ka mabele, a re fa motho a nale mathata o tshwanetse go ikuela mo go ba bangwe gore ba tle ba kgone go mo a imolola e seng go swela fela mo pelong.

Itshidilo e, e ne e tseneletswe ke diofisi tsotlhe tsa lephata la ditsela lefatshe ka bophara mme ya konelwa ka metshameko ya kgwele ya dinao le ya bolo tloa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Masunga

Event : Kabo Dimpho

Date : 02 Nov 2015