Living Faith Ministries e lemoga bagodi
02 Nov 2015
Kereke ya Living Faith Ministries kwa Mochudi e ne ya kgobokanya bagodi go lemoga botlhokwa jwa bone ka Matlhatso.
Fa a bua kwa letsatsing leo, Bishop Michael Gaotloge o ne a supa fa kereke ya bone e sa le e simolodisiwa ka ngwaga wa 2000 mme maikaelelo a bone ke go thusa bagodi le setshaba ka kakaretso ka matlhoki a bone ka go farologana le ka lefoko la Modimo.
O tlhalositse fa ba bone go le maleba gore ba kgobokanye bagodi go lemoga mosola wa bone ka go ba apeela dijo tsa motshegare le go ba fa dimpho tse di akaretsang melora e e tlhapang, a supa fa Modimo a rata setshaba sa gagwe mme le batho ba tshwanetse go supa lorato mo go ba bangwe.
Bishop Gaotloge o ne a gatelela mafoko ao ka a a mo Baebeleng, a a reng Modimo o ne a tsisa Jesu go tla go swela dibe tsa batho mo lefatsheng a tlatsa ka gore e le kereke, ba bone gore le bone ba supe lerato la bone mo bagoding.
O boletse fa kereke ya bone gape e tlhokomela setlhopha sa bolotloa sa baikopanyi sa Makakatlela se a tlhalositseng fa ba se thusa ka ditsompelo tsotlhe tse ba di tlhokang a supa fa ba kopantswe ke lerato la Modimo fela e seng sepe gape.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Bophirima, Rre David Motlhatlhedi o ne a leboga ba kereke eo go bo ba bone go le maleba go lemoga mosola wa bagodi.
A re o lemogile fa bagodi ba bolaiwa ke bodutu mme a re se se dirilweng ke kereke eo se molemo fela thata a supa fa go le gantsi bagodi nako ka bontsi ba a bo ba le nosi mo malwapeng.
O ne a re kereke eo e supile gore e tlotla bagolo thata a gatelela seo ka mafoko a a mo Baebeleng a a reng bana ba tshwanetse go tlotla batsadi.
Mokhanselara Motlhatlhedi o ne a re kereke ke yone botshabelo jwa motho mongwe le mongwe mme o ne a rotloetsa bagodi ba ba neng ba le ko modirong oo gore ba inaakanye le go tsena dikereke.
A re lerato la Modimo ga le ke le fela a supa fa le kereke eo gore e dire modiro wa mofuta oo, e ne e gwetlhilwe ke lerato la Modimo.
E ne ya re go le pele fa a a bua ka modiro oo, modulasetilo wa komiti ya mautlwelobotlhoko mo kerekeng eo, Mme Otaatla Gaotloge bolela gore e ne ya re ngwaga ono o simolola ba tswa ka mogopolo wa go direla setshaba sengwe fela e le tsela ya go supa lorato.
A re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go direla bagodi pele a kaya fa ba gwetlhilwe ke go lemoga gore bontsi jwa nako bagodi ga ba ke ba tsewa tsia.
O tsweletse a re ba ne ba simolola go kgobokanya madi e le komiti mme le kereke e ne ya thusana le bone.
Mme Gaotloge o ne a supa fa ba ikaeletse go tswelela ba dira tiro eo mme ba sa itebaganya le ba ba tsenang kereke ya bone fela a tlatsa ka gore maikaelelo a bone ke go thusa mongwe le mongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mochudi
Event : Moletlo
Date : 02 Nov 2015






