Breaking News

Banni ba lela ka borukutlhi

02 Nov 2015

Banni ba dikgotlana tsa Botalaote le Madiba 14 kwa kgaolong ya Mahalapye Bophirima ba lela ka seemo se se ileng magoletsa sa borukutlhi.

Banni ba ntshitse selelo mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Joseph Molefe bosheng.

Ba kaile fa seemo sa borukutlhi se sa ba nnise sentle ka ba setse ba tshaba le gone go tsamaya mo motseng.

Kwa Madiba 14, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Gareutlwane Semenete a re kgaolo ya gagwe e aparetswe ke bogodu mo ba sa tlholeng ba itse gore ba ka dira eng.

Rre Semenete o ne a kopa mopalamente wa bone go tsaya kgang e ya bone tsia mme a bone gore ba ka ba thusa jang ka le tsone dikomiti di tshwana le tsa baithaopi ba sepodisi le tse dingwe tsa kgaolo ba setse ba fekeediwa ke borukutlhi jo.

A re ba tlhaelelwa ke dikoloi tsa go dikologa le kgaolo go tlhabantsha borukutlhi ka jalo a kopa mopalamente go ba tswa thuso.

Kgosi ya kgaolwane eo, Kgosi Rabuwe Montwedi ene o ne a kopa puso gore e ba tsenyetse dipone tse di dirisang marang a letsatsi ka jaana fa go nna lefifi borukutlhi bo a gakala.

Kgosi Montwedi a re fa puso e ka ba tsenyetsa dipone tse gongwe go ka nna le phetogo mo seemong se sa borukutlhi ka jaana go nna go le lesedi mo kgaolong.

Banni ba kgaolwana ya Botalaote ba ne ba tlhalositse fa go na le segopa sengwe sa banana ba ba ipitsang Boko Haram ba ba tlhorontshang banni ba ba tsenelele le go ba amoga di tsa bone.

Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Molefe o ne a gakolola banni gore ba seka ba baya fela mo pusong mme le bone ba ipope dikomiti tsa go thusana go thibela borukutlhi ka ba sepodisi  ba ka se kgone ba le nosi.

Rre Molefe a re ke nnete borukutlhi bo supile fa bo tshwenya thata mo motseng wa Mahalapye, mme go dira banana ba motse ka jalo a kopa banni go tshwaragana ba bue le bana ba bone gore borukutlhi ga bo busetse.

Fa a bua ka dipone tse di dirisang marang a letsatsi, Rre Molefe o ne a dumelana le bone mme a tlhalosa fa a tlaa di kopa kwa lephateng le le lebaneng gore a ba ka se di tsenyediwe.

Kwa Botalaote, Rre Molefe o ne a tlhalosa fa puso e lemogile go busetsa diofisi tsa mapodisi tsa pele mo tirisong, ka moo e ntshafatsa dikago tsa pele go bona gore e thusa setshaba mo borukutlhing jang.

A re dikago tse di kopane gape le go ntshafatsa matlo a borobalo a mapodisi gore e re ba okelediwa mapodisi mo motseng wa bone ba seka ba sokola ka dikgang tsa boroko.

A re ditlhabololo tse di dira gore batho ba tle ba nne ka tshosologo, ka ke maitlamo a puso go bona gore Motswana mongwe le mongwe o nna ka tshosologo gongwe le gongwe fa a leng teng.

Rre Molefe o ne a tlatsa ka gore puso e ntshafatsa gape sepatela sa pele go leka go fetola seemo sa mosuke kwa sepateng se sesha, ka dipego di supa fa batho jaanong ba sukagana kwa sepateng se sesha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Nov 2015