Botlhokatsebe bo a kokobela
01 Nov 2015
Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re o itumelela go bo botlhokatsebe jo bo neng bo ile magoletsa bo kokobetse.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Maruping a tlhalosa fa jaanong a nona pelo ka mathe ka fa banana ba motse wa gagwe ba itsayang ka teng fa a tshwantshanya le dingwaga tse di fa morago.
A re o o lemogile fa go tlhoka ditiro ga banana go na le seabe mo go tlhokeng tsebe ga bone ka se se dira gore ba tlhole ba itlhadia ka nnotagi go sena se ba se dirang.
A re mananeo a puso, bogolo jang la mapodisi a a ithaopang ke lone mokokotlo ka le neela banana boikarabelo jwa go dira dilo ka fa go tshwanetseng ka teng.
O tsweletse ka go akgola botsadi jwa motse wa Moshaweng go bo ba bone go le maleba go tshwaragana le bogogi mo motseng mo diemong tse di sa siamang.
O supile fa a kgatlhiwa ke gore banana ba motse wa gagwe ba kgatlhegela mananeo a puso bogolo jang la nyeletso lehuma le la LIMID ka bontsi jwa bone ba supa kgatlhego mo thuong ya dihutshane.
E rile a tswa la kgothatso, Kgosi Maruping a kopa batho ba motse wa gagwe go dirisanya le makalana a puso gore ba tle ba kgone go intsha mo lehumeng gammogo le gone go nna bogogi jwa kamoso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 01 Nov 2015






