Barutabana ba kgothadiwa go itepatepanya le diphetogo
01 Nov 2015
Barutabana ba kopilwe go tlhabolola ka fa ba rutang ka teng go itepatepanya le diphetogo.
Kopo e, e dirilwe ke mookamela lephata la dithuto tsa dikole tse dipotlana kwa University ya Botswana, Professor Nkobi Pansiri mo moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Sefhare bosheng.
Professor Pansiri a re mongwe wa methale ya sesha e a setseng a itemogetse gore bontsi jwa baithuti ba gompieno ba e kgatlhegela thata ke ya go dirisa khomputara.
A re selo se sengwe gape se se nang le seabe se segolo mo thutong ya bana ke ka fa morutabana a buang ka teng le baithuti.
Professor Pansiri o ne a tswelela ka gore go simolodisa ngwana sekole a santse a le dingwaga tse di kwa tlase ke selo se a se rotloetsang thata.
A re fa ngwana a simolola sekole a le dingwaga tse di kwa tlase jaaka bone kgotsa botlhano o kgona go tshwara dilo tse dintsi ka bonako go tshwantshanngwa le bana ba bogologolo ba ba neng ba kgona go simolola sekole ba le dingwaga tse di lesome kgotsa go feta.
Ka jalo, o ne a kgothatsa batsadi gore e nne bone ba ba emelang kgang e ka dinao. Professor Pansiri o rotloeditse gore dithuto tsa Setswana, sekgoa, dipalo le maranyane di tsewe ka tlhwaafalo.
O supile fa dithuto tsa diteme di thusa batho ba letso le le farologanyeng go amogana mafoko sentle. A re tsa dipalo le maranyane ke tsone tse matshelo a setshaba a ikaegileng ka tsone thata.
A tlhalosa fa di tlhotlheletsa kitso ka botsogo jo e leng jone bo tlang pele mo mothong le go thusa go ka tla ka methale ya go tokafatsa itsholelo ya lefatshe.
O ne a rotloetsa barutabana, batsadi le baithuti go nna moono mongwefela mo thutong. A tlatsa ka gore go botlhokwa thata gore morutabana le motsadi ba itse se ngwana a se kgonang thata mo sekoleng ba bo ba mo rotloetsa.
Molalediwa mogolo o lemotshitse baithuti ba sekole seo gore ka fa ba berekang ka teng mo sekoleng, ke gone mo go tsileng go laola se ba tlaa nnang sone ka moso.
Kwa tshimologong fa mogokgo wa sekole seo mme Setompi Bonang a amogela morafe, o ne a supa fa a tletse boitumelo gore sekole sa gagwe se tsweletse ka go tsholetsa maduo mme a leboga lenaneo la Adopt-a-school a re le na le seabe se segolo ka sekole sa gagwe se kgatlhegetswe ke batho ba bantsi ba ba se fang dithuso tse di farologanyeng.
Mme Bonang o ne gape a akgola batsadi a re tshwaragano ya bone le barutabana ga e ngongoregise. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Sefhare
Event : Kabo Dimpho
Date : 01 Nov 2015






