Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa
01 Nov 2015
Mothusa mogolwane mo lephateng la thuto kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Musa Mongana, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana le go ba bopa gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo mo isagong.
E rile a bua kwa moletlong wa go tsamaisa baithuti ba lokwalo lwa bosupa sentle kwa Dutlwe bosheng, Rre Mongana a re fa batsadi ba ka itlhokomolosa go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, ga go na jaaka barutabana ba ka kgona ba le nosi, e bile ga go na maduo ape a mantle a ba ka a ntshang.
A re dikole tse di dirang bontle mo dithutong ga se gore di abetswe barutabana ba ba nang le dithuthego tse di kwa godimo go gaisa tse dingwe, mme fela tshwaragano le tomagano magareng ga barutabana le batsadi ke tsone di dirang gore maduo e nne mantle.
Rre Mongana a re thuto ke konokono ya botshelo e bile ke teemane e e ka isang botshelo jwa motho kwa mankalenkaleng le go tlhabolola le lone lefatshe, ka jalo e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ke ba-na-le seabe botlhe e leng batsadi, baithuti le barutabana.
O kgadile batsadi ba a reng ba ntsha bana mo dikoleng go ba isa merakeng le kwa masimo go ya go tlhokomela loruo, mme a kaela batsadi fa go dira jalo e le go rontsha bana tshwanelo ya go ithuta gore ba itirele khumo e ba tlaa sekeng ba e amogwe ke ope.
Rre Mongana o ne gape a supa ka monwana batsadi ba a reng ba isa bana dikoleng tse dikgolwane mme ba bo ba ya go itshela meriti e tsididi kwa malwapeng le kwa masimo ba sa ba lekole, mme a supa fa seo se dira gore bana ba dire boithatelo.
A re go botlhokwa gore batsadi ba tlhaloganye fa botshelo jwa bana bo le mo diatleng tsa bone e le batsadi, mme ba bue le bone ka mosola wa go ikanya thuto ka e le yone fela e e ka tsogang e ba betletse bokamoso jo bo phepa.
Go ntse go le foo, Rre Mongana a re dikole tsa kgaolo potlana ya Letlhakeng di lebanwe ke kgwetlho ya kwelotlase ya maduo a baithuti, ka jalo a ikuela mo baeteledipeleng ba dikole, barutabana le batsadi go thulanya ditlhogo go bona gore matsapa di ka tswa di a tsaya kae.
O ne gape a itebaganya le bagokgo ba dikole a ba kaela gore fa sekole se na le boeteledipele jo bo nang le boikarabelo, ga se ke se tlhoka go ntsha maduo, ka jalo a ba gwetlha go ititaya ka thupana.
A re le dikhamphani tse di dirang thulaganyo ya go ikabela dikole go di thusa mo tlhabololong ya thuto, gantsi di ikgolaganya le dikole tse di dirang bontle ,mme a gakolola dikole tse di mo kgaolong eo go ithekisa mo dikhamphaning ka go ntsha maduo a mantle gore le tsone di akole dithuso.
E ne ya re a itebaganya le baithuti, modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi a ba lemotsha gore go tsepega mogopolo mo thutong go ka ba isa golo gongwe mo botshelong.
A re thuto ke mmanmang mo botshelong e bile ngwana yo o rutegileng ke peeletso ya tlhwatlhwa, ka jalo a gatelela botlhokwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 01 Nov 2015






