Breaking News

Ditagi le bojalwa di itaa baithuti tsebe

01 Nov 2015

Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane, Rre Muniovandu Kandjou, a re ba tshwentswe ke maitsholo a baithuti a a dirwang ke ditagi le bojalwa.

E rile a lekodisa batsadi ba baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se sebotlana sa Dutlwe ka tsamaiso ya Mahupu, Rre Kanjou a re ba lemogile fa bagolo e le bone ba rekisetsang bana ditagi, mme a supa fa go dira jalo e le molato o motho a ka o tshwarelwang.

Rre Kandjou a re ditagi ga di a siamela baithuti gotlhelele ka di ba itaya tsebe, mme a lemotsha batsadi ba ba ikamantseng le mokgwa oo go itse fa ba senya bokamoso jwa bana.

O boletse fa go le botlhokwa gore batsadi ba tshwaragane le barutabana go fedisa mokgwa wa botlhokatsebe mo dikoleng, ka seo se ka tokafatsa maduo a baithuti le go alosa baeteledipele ba kamoso  ba ba nang le boikarabelo.

O ne a gakolola batsadi go emisa go rekela bana megala ya letheka fa ba ya dikoleng tse dikgolwane, ka gantsi di oketsa boitaolo.

Rre Kandjou o tlhalositse gore tshwaragano ya ba-na-le seabe botlhe ba ba akaretsang batsadi, baithuti le barutabana ke yone fela tsela e e ka thusang go tokafatsa maduo.

A re mo botshelong motsadi o tshwanetse go ipotsa gore seabe sa gagwe ke eng mo thutong ya ngwana, fa morutabana ene a tshwanetse go dira tiro ya gagwe ka lerato, bokgabane le botswerere go betlela tshaba bokamoso.

Fa a itebaganya le baithuti, Rre Kanjou o ba gakolotse fa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone mme ba tshwanetse go dira tse di molemo gore ba seka ba tsoga ba ikotlhaya botshelo bo ba shenetse meno.

Mogokgo wa Mahupu, Rre Khan Masau o ne a supa fa e tlaa re mo ngwageng oo tlang sekole seo se amogele, e le la ntlha, baithuti ba mophato wa bone mme a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana go leka go tokafatsa maduo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Bokopano

Date : 01 Nov 2015