Banni ba Shoshong ga ba batle khadi
01 Nov 2015
Banni ba Shoshong ba supile fa ba sa batle bojalwa jwa khadi mo motseng wa bone, e bile ba kopile bogogi go ba kopela mo pusong gore thekiso ya jone e emisiwe.
E re le ntswa khadi e le nngwe ya majalwa a Setswana a a letleletsweng go rekisiwa ka fa molaong, banni ba ne ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke mokgwa o khadi ya malatsi ano e dirwang ka teng.
Kgosi Etlhasetse Tlale wa kgotla ya Phaleng, o ne a tlhalosa gore go tswa bogologolong, khadi e ne e dirwa ka motswako wa mogwana le sukiri, selo se se neng se bo baya mo seemong se se siametseng go ka nowa ke batho.
A re mme go supagala fa baapei ba segompieno ba bo tsenya metswako e e sa letlelesegeng jaaka motsoko wa motokwane, le dipilisi go bo oketsa bogale ka jalo bo nne borai mo botsogong jwa batho.
Mongwe wa batsaya karolo mo phuthegong e, Rre Modisa Mphetolang o ne a bua a menne phatla ka fa bojalwa jo bo koafatsang e bile bo tsofatsa batho ka teng.
Rre Mphetolang o ne a kopa gape gore go emisiwe le thekiso ya majalwa otlhe a masesanyane jaaka tutu, laela mmago, tla o jele le sekhamfothane, mafoko a batsaya karolo ba bangwe ba ne ba a iteela legofi.
Phuthego e e ne e tshwerwe ka maikaelelo a go lekodisana ka seemo sa motse go akarediwa dikgang tsa dipatlo le manyalo, go runya ga bo maipaafela, borukutlhi, kapei le tsamaiso ya bojalwa jwa Setswana le seemo sa bophepa sa motse.
Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o ne a lemotsha banni lebaka la gore motse o tletse leswe thata mo e bileng o ne wa tswa kwa mogatleng mo dikgaisanong tsa bophepa tse di neng di tshwerwe bosheng, ka jalo a ba kopa go tsibogela seemo se le go tswa ka megopolo ya tharabololo.
E rile a akgela mo mafokong a kgosi, Rre Gasegope Morwamang o ne a supa fa a lemogile gore seemo sa matlakala se befisiwa ke go senyega ga terata e e ageletseng lefuti le letona la matlakala le le kwa Phephenyane, leruo le le sailang mo motseng le bagwebi bangwe ba ba sa latlheng matlakala sentle, mme ba bolaisi badiri ba Ipelegeng go ba selela matlakala.
Rre Morwamang o ne a tswa ka mogopolo wa gore go agiwe masakana a go tlaa latlhelwang matlakala teng mo dikgotlaneng gore koloi ya khansele e a tseele teng, go na le gore a bewe fa thoko ga tsela a bo a tshololwa ke leruo.
O ne a tlatsa ka go kopa banni go ntsha leruo mo motseng ka e bile le sielwa metsi a setshaba, selo se se seng ka fa molaong e bile se oketsa tlhaelo le dituelo tsa metsi.
Fa a ama ntlha ya borukutlhi jo bo sa laolesegeng e bile bo golela pele, Rre Meshono Kanokang o ne a tswa ka mogopolo wa gore, e re ka motse o le motona gape o atologile, ba sepodisi ba kope ditsha tse di tlaa tlhomang diofisi tsa nama o sa tshwere.
O ne a fa sekai ka malwapa a a kwa Phephenyane kwa a supileng fa go atologetse kgakala le motse mme go dire gore go nne thata gore mapodise a fitlhe teng ntateng ya tlhaelo ya dikoloi.
E re dikgang di eme jalo, banni ba ne ba nna le sebaka sa go thapiwa go nna batsaya karolo mo motshamekong wa motshekhinyego o o tlaa supang botshelo ja Tautona wa pele wa lefatshe leno Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe Lady Ruth Khama, le dikgwetlho tse ba neng ba di ralala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 01 Nov 2015






