Borre ba rotloediwa go kopa thuso
01 Nov 2015
Mogolwane mo lephateng la boipelego kwa Shoshong, Rre Moses Maphane, o rotloeditse borre ba ba idiwang go bona bana ba bone go ikopanya le ofisi ya gagwe gore ba thusiwe.
A re o lemogile gore gantsi fa batsadi ba sena go kgaogana, ngwana o sala le motsadi wa mme, mme e re fa rangwana a batla go bona ngwana a bo a kganelwa.
Rre Maphane a re mabaka a mantsi a a dirang gore borre ba idiwe go bona bana, mme le le tlwaelesegileng ke la gore bonkukua-bana, e leng batsadi ba mmangwana ba na le seabe se se tona mo dikgannyeng tsa mofuta o.
A re le fa go ntse jalo, go dira jaana ga go ka fa molaong, a supa fa go ya ka nngwe ya ditsetlana tsa melao ya bana, motsadi mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go tlhokomela le go bona ngwana wa gagwe, go sa kgathalesege gore a batsadi ba mmogo kana jang.
O ne a tswelela ka gore le mo setlankaneng sa ngwana sa matsalo, ke tshwanelo gore maina a batsadi boo babedi a kwalwe ka botlalo, a supa fa go sa direng jalo go se ka fa molaong.
A re fa e le gore go na le mabaka mangwe a a dirang gore mongwe wa batsadi a bo a idiwa go ka bona ngwana, a go itsisiwe lephata la boipelego gore le tle le itshwaraganye le mmakaseterata go dira ditshekatsheko go bo go ka tsewa ditshwetso tse di maleba.
Ntlha e nngwe ya botlhokwa e Rre Maphane a neng a e ama ke ya batsadi ba ba tlogelang bana le bonkuku-a-bone, a re ka molao go tshwanetse ga nna le sesupo sa gore nkuku-a-ngwana o kopilwe a bo a dumela go nna motlhokomedi le gore o tlaa atswiwa jang.
O ne a bua gape gore go tlwaelesegile gore bana ba seka ba otlhaiwa go twe ke ditshwanelo tsa bone, a supa gore kgang e ga se boammaaruri ka gore mo bukeng ya melao ya bana go papamaditswe gore kgodiso ya ngwana e akaretsa le kotlhao mo teng, fela e seng ya go ntshetsa maikutlo a tenego mo ngwaneng.
Batsadi ba rotloeditswe go ithekela bukana e gore ba anywe dikitso tse di maleba mo go yone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 01 Nov 2015






