Puso o bolotsa letsema
01 Nov 2015
Batlokwa ba kopilwe go lopa pula kwa Modimong, gore ba tle ba kgone go lema. Mafoko a, a boletswe ke kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso kwa phuthegong ya go bolotsa letsema kwa Tlokweng bosheng.
Kgosi Puso o boletse fa go bolotsa letsema go raya gore batho ba ye go ipaakanyetsa go lema fa pula e na, a supa fa lefatshe le kalwa ka dijo tse le di itirelang.
Kgosi o supile gore ka tlwaelo go bolotsa letsema go ne go dirwa ka kgwedi ya Lwetse, mme mo nakong ya gompieno loapi lo sa supe le fa e le sepe.
Mo go tse dingwe kgosi o ne a ruta morafe wa gagwe ka Batlokwa Development Trust, kana letlole la morafe, a supa fa tiro ya yone e sa tshwane le ya VDC, o supile fa tiro ya letlole la morafe e le go tlhokomela dithoto tsa morafe, go bopaganya morafe ka ditiro, go somarela ngwao le gone go lomaganya morafe le makalana a mangwe.
O tlhalositse gape fa letlole le ka sekisa la bo la sekisiwa, a bo a supa fa letlole le batla madi ka le le se dirang, mme e bile le tsamaisiwa ke maloko a le lesome, a mane a tlhophiwa ke kgosi fa a marataro a tlhophiwa ke morafe.
O boletse gore motho yo o tlhophiwang go nna leloko la letlole leo o tshwanetse go bo a na le dingwaga tse di lesome le borobabobedi, o tshwanetse a bo a le Motlokwa kgotsa e le moagedi wa Tlokweng sebaka se se fetang dingwaga tse tlhano e bile a ntse a tsweletse a nna kwa Tlokweng, o tshwanetse a bo a dira ditiro tsa morafe e bile a se dinalanyana, a kgona go bala le go kwala, a itse go bua puo ya sekgoa le Setswana e bile a dirile mophato wa botlhano.
Kgosi o supile fa dithoto tsa morafe tse ba nang le tsone e le lebala la metshameko le tshilo, mme ba filwe setsha se sengwe sa go aga tshilo e ntsha.
Mogolwane wa kompone ya Botswana Power Corparation Rre Setlhabi, o supile fa koporase ya bone e ikaelela go aga mafaratlhatlha kwa motseng wa Tlokweng kwa kgotleng ya Ramfurwa, ka jaana motse oo o tlhaelelwa ke motlakase.
O supile gore pele ga ba simolola mafaratlhatlha ao, ba tla a dira patlo maikutlo mo bathong ba ba mo tikologong eo.
Fa ba tswa la bone, Batlokwa ba supile fa ba tlhoka go nna le koporase mo motseng wa bone, ba bo ba supa fa ba ngongorela batho ba ba sa tleng pitsong ya Kgosi, mme a bua ka dilo tse di amang matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Tlokweng
Event : Phuthego
Date : 01 Nov 2015






