Ntsanyana ya maitaya sebatana ....
01 Nov 2015
Lesaka la ga Mme Diraamang Kelefhile le dikologilwe ke masakana a mangwe a a dirilweng ka matlhaku le disenke. Mo masakaneng a, go tletse mabotlole le dithini.
E rile lekoko la BOPA e etetse Draaihoek mo kgotlaneng ya Herero la kgatlhantshiwa ke go bona masakana a le lesaka la ga Mme Kelefhile. Lekoko le ne la dikologa lesaka dipotso di le maharatlhatlha.
Le ne la bona mosimanyana a kgapha sethito mo lesakeng le lengwe. Mosimanyana a ntsha tlhogo a leba, ya ne ekete o kare yo o ka ntiela nako. O ne a tsere kgetse a tshololela dikelekesi mo go e nngwe e e neng e bonala e le moalo.
E seng mo letsatsing le le kanakana motho a bo a theogetse a tshotse ditang matlhaku go bonala a letile go bewa sentle,o ka lemoga fela gore tiro e santse e le ntsi. Mme Mma Kelefhile a tsena mo ntlung a tla ka ditilo. A simolola ka gore ngwanaka re buile re lapile.
Ngwana yo o bidiwa Watseba ke ngwana wa ngwanake, o tlholegile mo jarateng e, jaaka o bona bana ba le ka fa tlase ga setlhare ba tshameka ene ga a na nako ya go tshameka jaaka bone.
Ditiro tsa gagwe ke tsa morui wa popota le gone yo o ikiteetseng khumo sehuba. O bala lokwalo lwa bobedi mo sekoleng se sebotlana sa Bopaganang. Ke motho yo o didimetseng thata ka a anya monwana.
O godile a ntse jalo sa gagwe e le go nna gaufi le tiro nngwe le nngwe e e tshwerweng ke borre mogolo kwa masakeng. E re fa o tsaya gore o etile mogopolo e re o a rongwa a kgogoge jaaka o kare o ne a ntse a emetse go rongwa selo seo. Mo nakong eo ke ne ke na la dipodi mme e se tsa sepe.
Ya re morago ka fiwa dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma. Ngwana a bo a segetswe fa lefureng. A disa ka botswapelo. A tlhola a di setse morago. E rile go tlhalefa ga gagwe a itirela matlonyana a a neng a re ke masaka a dikgomo tsa gagwe.
A bitsa maina a mararo a re ke badisa ba gagwe (Keaitse,Osca,Mothibi). Maina a ga re itse kwa a runtseng teng mme ka nnete ke a setho. Mo masakaneng a o ne a tlhatlhela dikoko teng.
O ne o ka fitlhela a thuntshitse mabelo fa morago ga dikoko,e re a di tshwara a di pane a di tsenye mo go one. E re re santse re kwaile re utlwe fela dikomano tsa gagwe a le nosi a bo re o itse gore ga e ntsha e kgologolo. Dikoko tsa Modimo di mo mathateng.
Le ntswa go ntse jaana a bo a di beetse metse le mmidi mo masakaneng ao. E re a ya go robala a re o sadisitse badisa le moraka ba ba phakelang ba gama ba bo ba bolotsa. Mme Kelefhile a tswelela ka gore e ne e rile fa a ya sekoleng ra tsaya gore go ka nna botoka.
Fa a tswa teng e nna ene wa ntlha gore lemotsha gore sekole se dule. Hempe ya gagwe e tla e phukaletse motlhala wa gagwe e nne lorole. Tiro ya gagwe morago ga go apola ke go tlhola gore go ntse jang kwa masakeng. E re fa go senyegile golo gongwe a thebelake mo letsatsing a sena tsapa le mo fisang.
Masakana a a dikologileng lesaka ale ke masakana a ka keletso ya gagwe go ka bong go nna dipotsane mo go one ka a sa agega sentle.
Ka e le ngwana fa e ka re a santse a tshwerwe ke sengwe motho mongwe a tlhatlhela dipodi ga se ke go lemotshege fa nngwe e seo fa a tla go kakoba tiro o ema fa kgorwaneng a bolele fa nngwe e a tla e bitsang ka mmala e seo.
A shakgale jaaka mong wa loruo tota, gore ke eng a ne a sa bidiwe. E re maphakela a matona a etse one mokoko wa ntlha a nne mo kgorwaneng a lebe kwa ntle go fitlhela bagolo ba tsoga ba baakanyediwa go ya sekoleng. O bone fela gore tota pelo e kwa morago mme ke mo sidile maikutlo ka gore re a phatlalala re ya go e senka.
Le nna tota fa ke seo a le teng ke kgora ka mpa tsoo-pedi ke bo ke robale boroko kgo! Ka ke itse fa ka kwa loruong ke beile mogaka. E re fa a tswa koo a tshele loshalaba o bona fela gore pelo tshwaana e boetse mannong.
Mme Kelefhile a tswelela ka gore ngwana yo bonatla jwa gagwe ke jo bo ntshang bana ba phefo. A re fa a le mo sakeng go na le matsatsi o itse sentle gore tse di tshwarwang fa go anyisiwa ke dife.
A gatelela ka gore e kile ya re nako nngwe a sianye le dikgomo a e pota kwa pele ya tsenya tlhogo go mo thula, a e baya mpama, ya ipoeletsa ya re ba itshwara ditlhogo ba kokoana meriri ba kua mokgosi a e tshwara ka lonaka kgomo ya wela fa fatshe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : Draaihoek
Event : Potsolotso
Date : 01 Nov 2015






