Dikomiti di abelwa koloi
29 Oct 2015
Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Francistown Bophirima, Rre Ignatius Moswaane, o rotloeditse dikomiti tsa kgaolo ya gagwe ka go di abela koloi go itirela madi a ditlhabololo.
Fa a aba koloi eo kwa Tati Town bosheng, Rre Moswaane o tlhalositse fa puso e sa tlhole e na le madi ka jalo e ke nako ya gore morafe o tswe ka methale ya go itirela madi. Rre Moswaane o tlhalositse gore kgang kgolo ke go tsisa ditlhabololo tse di tlaa thusang morafe ka kakaretso mme, seo se ka diragala fela fa ba le mo moonong.
A re se ke mangwe maiteko a go rotloetsa dikomiti tse di mo kgaolong go tsaya kgato ya go itirela madi ka khupelekhupele ya go rekisa dithekethe tsa yone koloi eo.
Rre Moswaane o tsweletse gape a re tiro eo e batla batho ba ba ikemiseditseng go dira ka natla le ka bonokopila e bile ba dira mmogo gape ba direla mo nakong.
O tsweletse gape a re dikomiti di tshwanetse tsa ikaega ka botsone ka go itirela madi, a tlatsa ka gore ngwaga wa 2016 o gorogile ka jalo se se tshwanetse sa nna sekao sa go nna tshaba e e itirelang.
Mopalamete a re o eletsa gore fa a boela kwa palamenteng tiro eo e bo e setse e dule tema ya go kgobokanya madi a seelo sa P25 000 komiti nngwe le nngwe.
Rre Moswaane a re go dira jalo go tlaa fokotsa go kopa dithuso kwa mafatsheng a mangwe. O kopile dikomiti go itlhotlhora seemo sa sepolotiki mme ba ise mowa wa ditlhabololo kwa pele.
Le fa go ntse jalo Rre Moswaane o supile matshwenyego ka mangwe makhanselara a a gatelang kwa morago go direla setshaba.
A re seemo seo ga se mo itumedise, le mororo puso e ba amogedisa madi a go direla setshaba, a tlatsa ka gore ba ba tlaa bipang mpa ka mabele kgaolo ya bone ga e na go tlhabologa.
Fa a amogela koloi eo mo boemong jwa morafe, mokhanselara wa Tatitown Rre Gaethusi Ramolotsana a re koloi eo ya modiro ya Toyota vits e e tswang kwa khamphaneng ya KMT Motors e tsile go tsisa diphetogo mo matshelong a bone.
Rre Ramolotsana a re mopalamente o jwadile peo ka go tsaya kgato, ka jalo go setse fela gore morafe o e tseye ka manontlhotlho le go supa fa ba ikaeletse go dira madi mo kgaolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Francistown
Event : Kabo Dimpho
Date : 29 Oct 2015






