Ba tlaa nwa metsi ka dikarata
30 Oct 2015
Banni ba metse ya Dutlwe le Tshwaane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba tlhaloseditswe gore e tlaa re mo bogaufing go simolodisiwe thulaganyo ya gore lelwapa lengwe le lengwe le le sa gokelang pompo le direlwe karata e e tlaa dirisiwang mo dipompong tse di nosang setshaba.
E ne ya re a buisa diphuthego kwa metseng eo, mongwe wa bagolwane ba koporase ya metsi ya Water Utilities kwa Molepolole.
Rre Kgotla Rapitsenyane a tlhalosetsa morafe ka diphetogo tse di tla amang tiriso ya metsi mo dipompong tsa setshaba.
O tlhalositse fa ba tsere tshwetso ya go simolodisa thulaganyo e, e le tsela nngwe ya go leka go somarela metsi ka jaana ba na le matshwenyego ka tshenyo ya metsi; a a fa sekai sa gore bangwe ba nosa leruo.
A re ba ba tlaa direlwang dikarata tse, ke fela ba ba sa gokelang metsi mo malwapeng a bone, mme ba tlaa fiwa dikarata tse gore ba di dirise go reka metsi ka tsone.
O supile fa go tlaa tlhoka gore moikopedi a tle ka moriti wa setlankana sa setsha sa bonno le wa Omang tse tsotlhe di rurifaditswe mme go tladiwe fomo ya ikopelo gore motho a direlwe karata e.
A re ba ba ka se kgoneng go ithekela metsi ka ntlha ya mabaka a itsholelo e e ko tlase mme ba thusiwa ke ofisi ya boipelego. Ofisi eo e tlaa tsaya boikarabelo jwa go rolela koporase eo maina a bone, go ya go ba direla dikarata tseo mme thulaganyo ya go duela e dirwe ke ba boipelego.
Rre Rapitsenyane a re karata eo e tlaa fiwa motho a le mongwe fela mo lelwapeng e bile gape e tlaa dirisiwa fela mo motseng o moikopedi a supileng gore o na le setsha sa bonno teng, a re se ke lebaka la gore go nne motlhofo gore Water Utilities e kgone go bona gore motse mongwe le mongwe o tlhoka selekanyo se se kae sa metsi.
O ne a supa gore Water Utilities e reka karata e ka P200, mme a tlhalosa gore bone ba tsere tshwetso ya go e direla setshaba mahala.
A re fa go ka nna le kgonagalo ya gore e latlhege mo mothong, o tshwanetse go ba fa maikano a ba sepodisi le madi a P200 gore a direlwe e nngwe gape, ka jalo a ba rotloetsa go e somarela.
Rre Rapitsenyane a re karata e fela fa modirisi wa yone a e tsenya mo pompong e mo bontsha gore madi a a leng teng mo go yone ke bokae,mme a solofetsa morafe oo gore ba tlaa dira dithulaganyo ya go etela metse eo, gore morafe o tsenye dikopo.
Banni ba motse wa Dutlwe ba ne ba amogela phetogo eo ka bongwefela jwa pelo, ba netefatsa gore e le ruri kgang ya tshenyo ya metsi ba e itemogetse, mme fela go nosa morafe ka dikarata go tlaa thusa go somarela metsi. Ends
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 30 Oct 2015






