Breaking News

Malema o akgola Head Mountain

29 Oct 2015

Kgosi Mmirwa Malema wa Bobong, o akgotse banana ba kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go supa fa ba kgathala ka batlhoki e bile ba tlhaloganya lefoko la Modimo le le reng rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata.

Banana ba dikereke tsa Head Mountain of God mo kgaolong ya Legare ba  abetse batho bangwe ba le batlhano dimpho tsa melora le dijo.

Kabo dimpho e e ne e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Bobonong bosheng.

Kgosi o kgothaditse kereke e go tswelela e dira ditiro tsa bopelotlhomogi  ka lefoko la Modimo le  tlhalosa fa letsogo le le abang le le sego go na le le le amogelang.

O gakolotse dikereke go tla go ipega kwa ofising ya gagwe fa di thibelela mo kgaolong gore di itsiwe  e ne e re fa morafe o tlhoka dithapelo le dithuso tsa bone ba itse fa ba le teng.

Kgosi o kopile kereke e go tswelela e bopagane ga mmogo le go rapela ramasedi ka boammaaruri gore e nne sekao mo dikerekeng tse dingwe tse di reng fa di fatlhoga di kgaogane ka makgamu di ise di ye gope.

O ne a fetsa ka go kopa ba ba amogetseng dimpho go di amogela ka lorato ka mo go ka tiisa kereke e moko gore go tswelele e dira tiro ya motlhale o ka ba lemoga fa se ba se dirang se amogelesega.

Mookamedi wa kereke e, Rre Tendai Manyiwa o tlhalositse fa kereke ya gagwe e le kereke e e kgatlhalang ka matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ke ka moo ba tsweletseng ka go tsamaya ba thusa batho ba ka sengwe le sengwe se ba se kgonang.

Rre Manyiwa a re kereke ya gagwe e tswa kgakala e dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka ba setse ba kile ba agela motlhoki ntlo e bile ba nna ba rekela ba ba tlhokileng lesego dimpho le dijo tsa madi a a tshwarang dikete tse masome a mararo a dipula ka ngwaga.

O tsweletse ka go tlhalosa fa kereke ya bone e sena kgethololo e bile e thusa batho botlhe gongwe le gongwe mo lefatsheng leno.

Rre Manyiwa a re go rena kagiso mo kerekeng ya bone, a re e sale e tlhamiwa ka ngwaga wa 1974 ga e ise e thubege kgotsa e kgaogane ka bogare mo go supang gore Modimo o nna o ba eteletse pele ka dinako tsotlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Kabo Dimpho

Date : 29 Oct 2015