Metlhale e mesha ya temo e na le poelo
29 Oct 2015
Mokgatlho wa MABOCHA o ikaelela go tlhabolola temo-thuo ka go dirisa methale ya sesha le mananeo a puso ka jalo ba kopa balemi-barui go tshwaraganela maitlamo a le bone.
Modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Gaolemogwe Kesenogile, o ntshitse kopo e mo potsolotsong bosheng. O boletse fa mokgatlho wa bone o sale o tlhamilwe ka 2010 o bo o rurifadiwa ka fa molaong ka 2012.
O ne a supa fa balemi-barui ba mokgatlho wa MABOCHA, o o akaretsang metse ya Matlhako, Borotsi le Chadibe kwa kgaolong ya Tswapong, ba ne ba bona go tshwanela gore ba emele temo-thuo ka dinao ka e le yone botshelo jwa Motswana.
Rre Kesenogile a re ba itlamile go dirisa mananeo a a farologanyeng a puso a temo-thuo ka ditlhopha le ka bongwe ka bongwe.
A tswelela ka gore gape ba lwantsha diemo di tshwana le go kganela leruo mo masimo ka dinako tsa temo, go thusana go lwantsha malwetse a leruo le go abelana dikgakololo mabapi le dikgang tsa temo-thuo.
A re le ntswa mokgatlho wa bone o letlelela molemi le morui mongwe le mongwe go tswa mo metseng e meraro eo, fela o santse a ngongoregela dipalo tsa batho ka di santse di le boutsana.
Rre Kesenogile o ne a supa gore mme banana ke bone ba ba sa suping kgatlhego ya go ikgolaganya le mokgatlho wa bone gotlhelele le ntswa bangwe ba bone e le balemi-barui.
Rre Kesenogile o tsweletse ka gore ba tshela ba tshwara diphuthego le dithuto-puisanyo mo metseng eo go lemotsha setshaba ka botlhokwa ja temo-thuo le go ba kaela fa temo-thuo e le tiro e e tlhokang go tshwaraganelwa.
Fa a tlhalosa ka ipaakanyetso temo ya mono ngwaga, Rre Kesenogile o boletse fa balemi ba sale ba eme ka dinao ba agelela masimo a bone go itsa leruo go tla le senya dijalo.
Rre Kesenogile a re gantsi tshenyo ya leruo ke yone e sa ba robatseng ka dinako tsa temo. O tlhalositse gore bontsi ja leruo leo ke le beng ba lone ba santseng ba saletse kwa morago mo go itshwaraganyeng le mokgatlho.
Rre Kesenogile a re le ntswa barui ba tsweletse sentle ka dipaakanyo tsotlhe tse ba ka di kgonang, fela ba na le dikgwetlho.
A re mo nakong ya gompieno balemi botlhe ba metse eo, ga ba ise ba kgone go phaka dipeo ka ntlha ya go tlhoka molemisi.
Rre Kesenogile a re gape ba tlhaelelwa ke diterekere le digogi. O boletse gape gore ba itemogetse gore go tlhoka lefelo le le tsepameng la mahudiso ke gone mo go bakang gore leruo le ba tshwenye thata kwa masimo.
O ne a kopa setshaba gore se seka sa kgojwa marapo ke seemo sa pula mme ba tlhwaafalele go ipaakanyetsa go lema.
O rotloeditse banana go inaakanya le temo-thuo ka e le bone baeteledipele ba ka moso. A re temo-thuo fa e tsewa ka tlhwaafalo e ka fokotsa ditshenyegelo tsa go reka sengwe le sengwe mo marekisetsong, mme a re se se ka kgonafala fela fa ba ka tlhabolola thobo ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Chadibe
Event : Potsolotso
Date : 29 Oct 2015






