Breaking News

Botsogo ke kgwetlho ya botlhe

29 Oct 2015

Kgosi Botiki Motshegare wa  Barolong a re kwa ntle  ga botsogo jo bo itekanetseng ga gona boitumelo. A re go botlhokwa gore batho ba ipabalele ka go tsaya melaetsa ya ba botsogo ka tlhwaafalo .

 Kgosi o buile  jalo kwa Good Hope  fa a ne a  amogela batsena moletlo wa go ipelela segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la go thibela go ikgapela botshelo.

 Kgosi Motshegare a re mongwe le mongwe o tshwanetse go itse  gore botsogo jwa gagwe bo mo diatleng tsa gagwe a re go botlhokwa gore go thibelwe go ipolaya.

Mogolwane  mo lephateng la botsogo jwa tlhaloganyo,  Rre Patric Zibochwa, a re batho botlhe ba ba mo kgatelelong ya go batla go ikgapela botshelo ba tlhoka kemo nokeng ya  ba lelwapa, masika, le ditsala. 

 Rre Zibochwa  a re letsatsi le la  mafatshefatshe la go thibela go ikgapela botshelo le tshwarwa ka maikaelelo a go boloka matshelo,.

 A   re  go ne go  direlwa gore mongwe le mongwe, maphata ka go farologana a tsene mo ntweng kgatlhanong le go ikgapela botshelo. 

A re go ikgapela   botshelo  ga motho a le mongwe ke tatlhegelo le mahutsana a magolo  mo sechabeng ka jalo go a tlhokafala go re go  fitlhelelwe ba ba mo kgatelelong ya maikutlo a go ikgapela botshelo ka se se dira  gore go nne le phetogo mme go bolokiwe matshelo.

O tsweletse a bolela gore go botlhokwa go supetsa motho yoo mo diphatseng tsa go ikgapela  botshelo  gore o a mo rata, e bile o kgathala ka ene go nne se se ka dira gore a fetole mogopolo.

 A re ba tlhoka go reediwa go ntswe fa fatshe, go reetsa se ba se buang kwa ntle ga go atlhola ka tsela epe fela. Go ipha nako o nna le motho yo o  ntseng a kgaphetswe ntle mo setshabeng ke tsela ya go sireletsa le go boloka botshelo.

Rre Zibochwa  a    re go tlhokafala gore ba lelwapa, masika le ditsala  le ba ba rutetsweng tiro ya go sidila maikutlo le bone  ba tseye karolo, a re se se ka dira  gore go lemogwe gore botshelo jwa gagwe bo botlhokwa.

 A re setshaba se tshwanetse go bereka mmogo go fitlhelela botlhe ba ba mo kgatelelong ya maikutlo a go batla go ikgapela botshelo, ba se ka ba ikgatholosiwa, ba tlogelwa ba nna ba le le nosi, ka se se ka rotloetsa motho go ikgapela botshelo, mme ba lemotshiwe gape gore go ikgapela botshelo ga se tharabololo ya mathata.

 A re dipatlisiso di supa gore borre ke bone   ba ikgapelang matshelo ka dipalo tse di fetang tsa bomme, a re mabaka ke gore borre ba tshaba go bua   a     re ba swela ka fa teng gona le bomme , ka gore bomme ke batho ba ba buang jalo, go nne bonolo go thusiwa. 

 O tsweletse a tlhalosa gore   dipalo    di supa  fa banana, bogolo jang ba ba  inaakantseng thata le nnotagi, ba tlhokela batsadi maitseo ga mmogo le bone barutabana kwa dikoleng ba bo ba felela ba ipolaya.

Rre Zibochwa a re go botlhokwa   gore go emiwe   nokeng ba ba latlhegetsweng ke ba ba ba ratang, ba thusiwe go amogela ditirelo tse di maleba, a re go rotloediwe botlhe ba-tsaya karolo.

 Mookamedi wa kokelo ya Good Hope,  Mme Monica Dikhupe,  o kgothaditse borre  go sa swa senku ba bue ba kope thuso, gape ba   seka  ba nna  ba le nosi  ka gore  go ba ka bothata.

 A  re  batsadi fa ba na le dikakanyo  tsa bone ba na le mathata a bone  ba bue le bana ka maikutlo  a a wetseng go ba rutela ruri.

Mme Dikhupe a re go botlhokwa  gore  batsadi le ba-na-le seabe botlhe  ba  tlhakane ba lekodisane dikgwetlho tsa bana, a tlatsa ka gore ga go na ngwana yo o godisitsweng a  sa  kgalemelwe kana  a sa gakololwe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Goodhope

Event : Moletlo

Date : 29 Oct 2015