Motlhopha ntsi ke yoo kgorang
28 Oct 2015
E re ka Lobatse a na le letlhoko la ditiro le le kwa godimo, monana mongwe ene o ne a iphataphatela ka a batla go ganetsa puo e e reng Lobatse ga a na botshelo. Tshiamo Eletsang wa dingwaga tse masome mararo, o dira ditiro tse di farologaneng go itshetsa.
O inaakantse le tsa boranyane le fa a sa tsena sekole, o lema merogo e bile ke motaki.
Mo potsolotsong, Tshiamo o boletse fa a bone go tshwanela gore a seka a nna motlhopha ntsi mme a dire ditiro tsotlhe.
Monana yo a re o remeletse thata mo go tsa boranyane. O kwala dikipara, o dira matshwao a dikhamphani, o tsaya dinepe a bo a di ntlafatsa, gape o dira dikarata tsa itshupo.
O boletse fa a bereka le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi, dikgwebo tse di potlana le batho ka bongwe ka bongwe.
Tshiamo a re o godile ele motho yo o ratang go dira ka diatla ke ka moo gape e leng motaki. A re o feletse ka lokwalo la botlhano kwa sekolong, mme ka a ne a sa dira sentle a tshwanelwa ke go bona gore o itshedisa jang .
A re se se ne sa mo gwetlha gore a dire tiro ya botaki. O boletse fa a tshwantsha e bile a dira le ka dipente.
“Ke kgona go go tshwantsha, go tswa fela mo goreng moreki o batla eng. Gantsi bareki ba tla ka dinepe tsa bone ke bo ke ba tshwantsha kana dinepe fela tse ba di ratang ke bo ke di tshwantsha,” a bolela.
Lerato la me la go tshwantsha le dira gore ke tlelwe ke tlhaloganyo ya go kwala dikipara .
“Lantlha ke ne ke kwala fela ka letsogo ke dirisa dipente jaanong e rile kgwebo ya me e ntse e gola ka reka motshine wa letsogo.”ga bua Tshiamo.
A re ka botshelo bo lekwa ntlha tsotlhe o ne a ikopanya le ba nyeletso lehuma mme ba mo thusa ka go mo agela tshingwana ya merogo. Tshiamo o boletse fa ditiro tse tsotlhe a di dira ka botswapelo ka a na le lorato mo go tsone.
O tsweletse ka gore di na le mosola fela thata mo botshelong ja gagwe ka di a mo tshedisa e bile di thusa le sone setshaba se a tshelang le sone. A re o kwalela batho dikipara fa ba na le manyalo kana modiro ofe kana ofe fela, o ba direla le dikarata tsa taletso.
A re se se dira gore a nne le bokopano le batho bale bantsi. O boletse fa a dirisana sentle le bareki ba gagwe. A re o ba fa monyenyo ka dinako tsotlhe a bo a dira tiro ya bone ka nako.
A re sera sa motho ke nako, ka jalo kgwebo e tlhoka motho a ikiteile sehuba ka motho e le ene a iperekisang. Le fa go ntse jalo a re le ene o kopana le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la madi go atolosa madirelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tsholofelo Chamile
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 28 Oct 2015






