Mogokgo wa Dutlwe o leboga batsadi
29 Oct 2015
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Dutlwe kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Felix Bogosi a re tshwaragano le tirisano mmogo ya batsadi le barutabana e tokafaditse maduo a baithuti fela thata.
Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa sentle baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa bosheng, Rre Bogosi a re ba itumelela seabe le tlhotloetso e batsadi ba motse oo ba e supang tebang le dithuto tsa bana ba bone.
Rre Bogosi a re e ne ya re ka ngwaga wa 2011, sekole seo se bo se sa dire sentle gotlhelele mme ba thulanya ditlhogo le batsadi go bona gore bothata e ka tswa e le eng. A re batsadi ba ne ba itlama go tshwaragana le barutabana go leka go tsholetsa maduo, ka le bone ba ne ba tshwenyegile fela thata.
A re ba ne ba simolola go tshologela ka makatlanamane diphuthego tsa batsadi le barutabana go tla go amogana le barutabana dikgwetlho tse bana ba nang natso, fa bangwe ba ne ba kgona go etela sekole ntle le taletso go tla go lekola dithuto tsa bana.
Rre Bogosi a re maduo a ne a tokafala ka ponyo ya leitlho mme e bile a supa fa ba solofetse maduo a a nametsang monongwaga. A re ka ngwaga wa 2011 bana ba lokwalo lwa bosupa ba ne ba fentse ka selekanyo sa 29 mo lekgolong, 2012 ya nna 33% mme maduo a ne a tsholetsega fela thata mo ngwageng o o fetileng fa ba pagamela kwa go 79 mo lekgolong.
E ne ya re a tswa la gagwe, morutabana wa baithuti ba lokwalo lwa bosupa, Rre Tebogo Dikgopo o tlhalosa fa a itumedisitswe ke baithuti ba gagwe ka go bo ba ne ba tsena sekolo sentle ebile ba kgalemelesega, mme a supa fa seo se kgonagetse ka mabaka a gore batsadi ba ne ba rotloeletsa bana go ikanya tota.
O tlhalositse fa ba kgonne go dira go le gontsi ka ntlha ya kemonokeng ya batsadi, mme a ba kgothatsa gore e seka ya re ka lengwe la malatsi ba kgojwa ke sengwe marapo ka gonne thuto ke yone bokamoso jwa bana ba bone.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Otsile Kgogwane le ene o ne a lebogela kemonokeng ya batsadi mme a supa fa komiti ya gagwe e ipelafatsa ka batsadi ka a re ba kgona go ithaopela go dira ditiro dingwe mo sekoleng ntle le dituelo.
Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane, Rre Muniovandu Kandjou o ne a gakolola baithuti go tswelela ba itshwara ka maitsholo a a eletsegang fa ba goroga kwa dikoleng tse dikgolwane.
O ne a ba gakolola gore ba seka ba ikamanya le dikgang tsa botlhokatsebe di tshwana le go tlhakanela dikobo ba sa le babotlana ka go ka baka gore ba ime mme ba senyegelwe ke sekole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Moletlo
Date : 29 Oct 2015






