Breaking News

Batswana ba gakololwa go itharabologelwa

29 Oct 2015

Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi e bile e le kgosikgolo wa Batlokwa, Kgosi Puso o kaile mokgwa wa Batswana wa go sia le tlhabologo ba latlha ngwao ya bone e le matlhabisa ditlhong.

E rile a bua kwa peong ya ga Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Puso a supa fa mo mabakeng a mantsi di-tsa ngwao tse batho ba di bifelang e le tsone tse e leng pinagare ya tshaba ya Botswana.

Kgosi Puso o ne gape a tlhalosa fa bogosi e le nngwe ya ditsamaiso tsa botlhokwa tse di agileng tshaba ya lefathse leno. A re bogosi bo tshwana le lefoko la Modimo ga bo fetoge, ka jalo a kopa batho go emisa go sia le dingwao tsa ditshaba di sele ba latlha ya bone.

O ne gape a kopa magosi go nna pelo telele fa ba dira le morafe ka seo se ka ba thusa go direla batho ka botswapelo. O bile a kopa magosi go itlwaetsa go bula dipelo tsa bone go amogela bogakolodi jo bo farologaneng go tswa mo morafeng.

E rile a ema batho ba Maboane ka lefoko, Kgosi Gaborone a ba kopa go amogela kgosi ka dipelo tse di bulegileng mme ba mo tlotle ba bo ba mo tlhokomele.

A re kgosi ke yone sefatlhego sa motse, ka jalo fa ba sa mo tlhokomele go tlaa itshupa fa dilo di sa iketla mo motseng.

Rangwanea kgosi, Kgosi Rantsimane Banyatsi o ne a kopa ba ntlo ya bogosi kwa motseng oo go tsweledisa mowa wa therisanyo le tirisanyo mmogo e ba e supileng mo paakanyetsong ya peo ya kgosi. O ne gape a ba akgolela go itlhaloganya ka jaana go ise go ke go nne le dintwa dipe tsa go lwela bogosi morago ga loso lwa ga Kgosi Tirelo Motseonageng ngogola.

Kgosi Banyatsi o bile a gakolola Kgosi Phuthego gore a seka a dirisa dithata tsa gagwe tsa bogosi botlhaswa a tloga a jesetsa morafe mo kgobedung, a boa a mo kopa go ba tsaya ka tekatekanyo go sa kgathalesege gore ba itsholetse go le kae.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Phuthego o ne a solofetsa gore ga a na go gogagoga leina la gagwe le seriti sa bogosi mo seretseng, a re o tlaa leka bojotlhe go dira le morafe wa gagwe ka botswapelo.

O ne gape a solofetsa fa a tlaa tsosolosa dilo di tshwana le dikgafela le letsatsi la ngwao mo motseng, e le nngwe tsela ya go ikgakologelwa e le morafe. Mo go tse dingwe Kgosi Phuthego o ne a supa matshwenyego a nnotagi e a reng e nowa ka tsela e e tshweyang mo motseng, mme a solofetsa fa bothata jo e le bongwe jwa a a tlaa a tsibogelang.

Kgosi Phuthego o tlhatlhama rraagwe e bong Kgosi Motseonageng yo o tlhokafetseng ngogola ka Seetebosigo. BOokhutlo

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : Letlhakeng

Event : Peo ya kgosi

Date : 29 Oct 2015