Breaking News

Monna o bolailwe ke phepheng

28 Oct 2015

Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano o tlhokafetse morago ga go longwa ke phepheng mo monwaneng wa letsogo kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Go ya ka kgosi ya Omaweneno, Kgosi Sam Bimbo, tiragalo e diragetse kgwedi eno e le masome a mabedi le bone kwa morakeng mongwe gaufi le motse oo.

Kgosi Bimbo o  ne a tswelela ka go tlhalosa fa e ne ya re morago ga tiragalo eo, monna yoo a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Omaweneno mme seemo sa bifela pele  mme a romelwa kwa sepateleng sa Tsabong. 

A re erile mo maphakeleng a letsatsi le le latelang  la tshipi ka nako ya borataro mo mosong  monna yoo ka go tlhoka lesego a tlhokafala.

Fa a tsibogela kgang eo Mme Tlamelo Marutshe, mongwe wa baboni ba tiragalo eo o supile fa phepheng e ne ya loma monna yoo jaaka a ne a leka go baakanya fa dipodi di nwelang teng mo maitseboeng a letsatsi leo  jaaka ba ne ba ile go tlhatlhela dipodi mmogo kwa morakeng.

Mme Marutshe o kaile fa moswi a tlholega kwa motseng wa Gakhibana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa mme a ne a thapilwe ke batsadi ba gagwe e le modisa.

O supile fa serepa sa moswi se le mo setsidifatsing sa  sepatela sa Tsabong go tlhatlhobiwa ke ba bonagaka fa ba masika bone ba setse ba itsisitswe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Omaweneno

Event : Potsolotso

Date : 28 Oct 2015