Breaking News

Magodu a tlhorontsha banni

28 Oct 2015

Mookamela mapodisi a Ramatlabama, Superintendent Tshegofatso Mokumakwa a re o tshwentswe ke magotswana mangwe a a thubang matlo a bo a utswela banni ba kgaolo ya gagwe dithoto.

Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang, Superintendent Mokumakwa o tlhalositse fa e rile bosheng, basimane bangwe ba bararo ba kgotla ya Mabete mo Pitsane, ba tlhasela mme mongwe wa lebentlele la Wings of Lovers le mokapelo wa gagwe kwa lelwapeng la bone kwa Bethele bosigo.

A re dirukutlhi tseo di ne gtsa tsenelela bakapelo bao mo ntlong ba robetse mme ba ba tshosetsa gore ba sie, ba bo ba sala ba ba amoga sekete le makgolo a mararo a dipula le dithoto di akaretsa megala ya letheka, dichaene tsa melala,palamonwana le manyena. A re dithoto tseo tsotlhe di ne di ka lopa madi a a kana ka makgolo a robabongwe  le sephatlo sa dipula.

A re basimane bao ba ne gape ba ya go tlhasela mogokgo wa sekole se sebotlana sa Maiphitlhwane kwa Pitsane, mme ba mo tshosetsa ka thipa gore a ba neele madi. A re ba ne ba tsaya sekete le makgolo a mabedi a dipula, karata ya banka le koloi ya modiro wa GMW. 

A re ba ne ba tsaya gape le megala ya letheka, thelebishini, le sebalamakgolo. A re dithoto tseo di ne di lopa madi a a ka tshwarang dikete di le lesome le bobedi tsa dipula. 

Rre Mokumakwa a re mapodisi ba ne ba latedisa dirukutlhi tseo mme ba kgona go di tshwara ba bo ba tsaya le dithoto tseo tsotlhe ko ntleng ga karata ya banka e ba neng ba e latlhile le madi a ba neng ba setse ba a dirisitse. 

A re basimane bao ba ne ba itshupa fa pele ga lekgotla ka Labotlhano, mme e bile ke batho ba ba itsiweng, gape e le badira melato ba gale. 

O tsweletse ka gore mo tiragalong e nngwe, mosimane mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, o ne a thuba a bo a tseela borre ba babedi ba masole mo Rakhuna, dithoto tsotlhe mo ntlong. A re borre bao ba masole ba ne ba seo botlhe ka nako ya tiragalo eo, a tlatsa ka gore dithoto tse di utswilweng di ne di akaretsa dithelebishini, dilwana tse dinngwe tsa motlakase, kobo le diaparo, a re dilwana tsotlhe di ne di lopa madi a a kana ka dikete di le masome a marataro a dipula. 

Rre Mokumakwa a re mapodisi a ne a tshwara legodu leo a sena go longwa tsebe ke bangwe, mme ba kgona go busetsa beng dithoto tseo tsotlhe, a tlatsa ka gore mmelaelwa o ne a itshupa fa pele ga lekgotla ka Labotlhano. O ne a re o rotloetsa setshaba go nna podi matseba ka dinako tsotlhe, le gone gore ba nne le mowa wa ntebele ke go lebele, e bile ba leke gore, fa ba tswa mo malwapeng, go ne go nna le yo o ka salang a lebeletse.

Mo go tse dingwe Superintendent Mokumakwa a re go ne ga nna le tiragalo e mo go yone, mapodisi a Ramatlabama a tshwereng banna bangwe ba bararo ka motsoko o o sa letlelesegeng mo Botswana. 

A re banna bao, e leng Witness Zombayi wa dingwaga tse masome mararo le bongwe le Norest Kamorai wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe ba ba tlholegang kwa  Zimbabwe, ba na le Josiah Ngwenya wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa  ene e le Motswana, ba ne ba tshwarwa bosheng ke mapodisi a a neng a theogetse.

O tsweletse a re borre bao ba ne ba tsamaya ka koloi ya modiro wa Toyota Regius, e mo go yone go fitlhetsweng mabokoso a motsoko a le makgolo a robabongwe, masome a mane le botlhano tsa metsoko ya disekerese ya Pacific Blue e e sa letlelelweng mo Botswana, mme go lebega ba ne ba ya go e tlodisa molelwane go ya kwa Africa Borwa. 

A re borre bao ba ne ba isiwa kwa go ba ofisi ya dithoto le makgetho (BURS) kwa ba fetileng ba atlholwa dikete tse di masome a mabedi a dipula.  A re metsoko eo le koloi di santse di tshegeditswe go fitlhelela ba duela madi ao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Dineo Modikele

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 28 Oct 2015