Makgotla a bonya go kgalema
28 Oct 2015
Makgotla a kabo ditsha a supiwa ka monwana gore a maoto a tshupa go tsibogela go kgalema go runya ga bo maipaafela.
E rile ba tsibogela tekodiso ya mothusa mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la Molepolole, Mme Kebadire Mmusi, batsaya karolo kwa thuto-puisanong ba nyatsa tiego ya go tsibogela dikgang tsa go runya ga bo maipaafela ba re go baka kgolo ya dikgang tsa go ipaa lefatshe.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Legonono, Rre Michael Bagopi a re gangwe le gape setshaba se dira maiteko a go tsibosa makgotla a kabo ditsha ka bothata joo, jo a dumelang e se kgang ya mo Mokwena fela, mme maiteko a go itepatepanya le seemo se ga a bonale.
Mokhanselara o ne a supa fa morafe o tshwentswe thata ke kgolo ya dikgang tsa go ipewa ga lefatshe ka jaana go ama thata tiego ya go abiwa ga lefatshe le mororo seemo se ka bo se ne sa thibelwa pele se kekela ka go bakela makgotla ditshenyegelo ka ditsheko.
Kgosi wa kgotla ya Suping mo Molepolole Rre Pelaelo Mathwanye, fela jaaka dibui tse dingwe o tshwenngwa ke kgolo ya go runya ga bo maipaafela makgotla a ditsheko a ntse a lebile, ba ipaa moriti o tsididi go fitlha seemo se bakela puso ditshenyegelo.
A re seemo seo se tsweletse ka go kuleka kwa kgaolwaneng ya Suping mme ga go kgato e tsewang le ntswa maiteko a go tsibosa batlhokomedi ba lefatshe a tsweletse ka go dirwa.
Mokhanselara Allen Jacob ene o gwetlhile ba kabo ditsha go tokafatsa tsamaiso ka go fefosa dipeo go hema go fela pelo ga morafe mo batho ba felelang ba gata molao ka dinao.
Mafelo mangwe a Molepolole le tikologo go kaiwa a amilwe thata ke kgolo ya go runya ga bo maipaafela ba ba ikgatholosang tlhagiso le dikgakololo tsa ditlamorago tsa go ipaa lefatshe. Dikgang tseo gatwe di ama bobe gape batho ba ba tsweletseng ka go tsiediwa ke batho bangwe ba ba itshupang ba na le dithata tsa go rekisa lefatshe la morafe.
Mme Mmusi a re go tlhoka go fefofela go runya ga dikagng tsa go ipaa lefatshe go dirwa ke ntlha ya gore Sedibeng go iwa ka tsela, ka jalo ga ba kake ba emisa thulaganyo ya go ipaa go ise go nne le morero mo go botlhe ba ba amegang.
Mokwaledi wa lekgotla le le botlana la Molepolole Rre Andrew Moipopi, o lekodisitse phuthego ka ditshekatsheko tse di tsweletseng tsa go tokafatsa tsamaiso ya kabo ya lefatshe di akaretsa go tsenya dikgosi le batlhokomedi ba lefatshe mo tsamaisong ya kabo ditsha ka tumelo ya gore e le bone ba le tlhaloganyang botoka ka jaana ba sa nne ba fuduga jaaka bodiredi.
Rre Moipopi a re seemo seo se ba tshwenya fela that ka jaana se kgoreletsa tsamaiso ya melao ya ditlhabololo mo Molepolole le tikologo.
Mmueledi wa lekgotla la Mokwena la kabo ditsha Rre Alfred Baikakedi o ne a tlhagisa bao ba ba inaakantseng le masula ao go itse fa dithulaganyo di ile motsubong go tsaya kgato ya go thuba dikago dipe tse go dumelwang di beilwe e se ka fa molaong.
A re ba setse ba amogetse diteseletso di feta masome a mabedi tse di ba fang tetla ya go thuba ditsha tsotlhe tse go tlhomamisegang e le tsa bo maipaafela. Mafelo a go kaegang a amilwe thata ke dikgang tsa go ipaa lefatshe ke Suping, Mmaothate, Mantsho, Mosinki, Matsuke, Mmakanke, Legonono le kgotla ya Magokotswane e e leng yone e di gogang kwa pele ka dipalo tse di kwa godimo tsa go ipaa ditsha.
Rre Baikakedi o kopile baeteledipele ba morafe ba akaretsa magosi, baeteledipele ba sepolitiki le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go tlhomamisa tshwaragano e e ka thusang go hema bothata jwa go ipaya lefatshe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Thuto puisano
Date : 28 Oct 2015






