Breaking News

Puso e itlamile go thusa balemi-barui

28 Oct 2015

Mothusa tona wa temo -thuo e bile e le mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o boleletse banni ba kgotla ya Maaloswana gore puso e leka ka bojotlhe go thusa Batswana ka mananeo a a ka nyeletsang lehuma.

Rre Autlwetse o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Serowe bosheng. 

O tlhalositse gore e rile ka ngwaga wa 2014 le ngwaga ono, ga nna le balemi-barui bangwe ba ba adimileng madi mo maphateng a a farologanyeng jaaka CEDA, go ya go lema gammogo le go rua mme ba palelwa ke go busa madi a ba a adimileng ka go tlhoka go boelwa.

Puso e ne ya tsaya tswetsho gore e thuse balemi-barui botlhe ba ba adimileng madi, ka 85%, fa bone ba tlaa duela  15% fela.

O ne a tlhalosa gore matlhabelo a dikgomo kwa Lobatse a ntse a phutlhame, e ne e re fa batho ba isa dikgomo tsa bone ko matlhabelong,  BMC e ne e kolota dikgomo tsa bone, mme ba tsaya lobaka ba sa duele barui, mme seemo se, puso e ne ya tshwanelwa ke go se emisa, ka go ntsha madi a didikadike tse di makgolo mararo (P300m) gore e seka ya tswalwa. 

Tona Autlwetse o ne a re matlhabelo a, a thusa lefatshe la Botswana fela thata.

O ne a re lekgetho la diterekere le ne la emesiwa ka bontsi bo ne bo sena madi, mo go neng ga bakwa ke thobo e e kwa tlase.  A re le lekgetho la borotho le mashi le ne la fokodiwa, go tswa ko go 15 per cent go ya ko 4 per cent.

Mo dikakgelong bangwe ba banni ba Maaloswana ba ne ba lela ka leswe le lentsi le le mo dikgotleng tsa bone ba tlhalosa fa metseto ya bana e e dirisitsweng e latlhetswe gongwe le gongwe, ba ntsha letshwenyego gape ka dikhondomo tse di dirisitsweng di latlhetswe gongwe le gongwe, selo se se borai mo baneng. 

Ya re a araba, Rre Motelebane Motelebane go tswa ko khansele, a re khansele e tlaa rurifatsa gore matlakala a a tsewa, a kopa banni go tlhokomela tikologo ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepiso Botshelo

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Oct 2015