Breaking News

Mzwinila o lekola maphata a puso

28 Oct 2015

Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a kopane le ditlhogo tsa maphata a puso go buisana ka seemo sa kgaolo. 

Fa a ntsha pego ya lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Gwisani Tubute, yo e leng mogolwane wa tsa ditlhabololo tsa motse a re ba leka go fefosa go sekaseka  ba ba lebanweng ke thuso ya lenaneo le mme dikgwetlho di mmalwa.

A re baikopedi ba ngongoregela lebaka le le tsewang go tsisa se ba se ikopetseng mme seo se dire gore motho a latlhegelwe ke kgatlhego mo go se a neng a se lopile mme a kope go fetola seo ka go kopa thuso e sele.

O ne gape a supa gore lephata le lebanwe ke kgwetlho ya go phuaganngwa ga dithuso batho ba inaakanya le ipelegeng mme seo se busetse kwa morago maiteko a puso  a go leka go nyeletsa lehuma.

O ne a tlhalosa gore bangwe ba na le mokgwa wa go dirisa mananeo otlhe a a le teng mme ba dira jalo ka go farologana ga mafelo  mme seo se bee ba bangwe ka fa mosing mme o ne a kopa gore puso e tsise maranyane a ka thusang go supa se.

Fa a ntsha pego ya seemo sa ditsela, Mme Entwetse Gagobatho a re seemo sa ditsela sa kgaolo ga se jese diwelang ka fa pula e na seemo se bifelela pele mme o ne a kopa gore khansele e dire dikholobete.

O ne a tlhalosa gore borakonteraka ba ba neelwang ditirelo ba dira tiro ya boleng jo bo ko tlase mme seo nne poela morago ya gore dingwe ditsela di dirwe gape mme seo se turele puso.

O ne a supa fa ba abetswe P1,2 million  mo ngwageng wa kabo ya madi mme ga a lekane ka go dira le go tlhokomela ditsela go le turu, mme o ne a kopa mopalamente gore khansele e dire tsela ka ditena ka tsela ya teng e sa tlhokane le tlhokomelo e e kalo gape e itshwarelela ka lebaka.

Modibedi Rantsudu mogolwane mo lephateng la SHHA  a re lenaneo la turn-key le tlhabololo bonno a tsamaya sentle mathata ke tiego ya madi go goroga ko baikopeding mme seo se dira gore mola wa baikopedi o oketsege.

O ne a tlhalosa gore mo Mmadinare batho ba le 25 fa ba Bobonong ba le 17  ba kopile  madi go aga mme ba sa le ba kopile ka dingwaga tsa bo 2009 le 2010 mme seo se supa tiego mme se dire gore bangwe batho ba itlhoboge ba felele ba aga matlo ka madi a bone.

O ne a supa fa go tlhoka sepalangwa go tlhola matlo a a agiwang e le kgwetlho ka ba fapaneela koloi le ba Bobonong mme seo se dia matlo go fela ka a ka se tsweledisiwe ba sa rurifatsa.

Pego ya ba sepodisi ka Rre  Gagopale Gaselarona e ne e supa fa borukutlhi bo laolesega mo kgaolong mme dikgang tse ba kopanag le tsone thata e le tsa dititeo ko dibareng kana baratani mme ba ikemiseditse go fema seemo seo. 

O ne a supa fa palo ya bone e le ko tlase mme ba thusiwa ke ba ba ithaopileng le mapodisi a Selebi Phikwe mme e bile o ne a lebogela seo ka matshelo a batho a tla pele e bile a tlhalosa fa ba tsere matsapa a bone go bua le beng ba dibara gore ba seka ba letlelela bana mo dikgwebong tsa bone mme a re seo se dule maduo.

Fa a garela mopalamente Mzwinila o ne a kopa ditlhogo tsa maphata go direla setshaba ka botswapelo ka ditirelo tse di nang le boleng ke tsone boremelelo jwa dikeletso tsa setshaba, e bile le tirisano e nne e e lolameng. 

O ne gape a kopa badirelapuso go ntsha ditirelo tse di tlhwatlhwa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma ka potlako gore batho ba bone dithuso ka nako. 

Gape o rotloetsa banna ba kgaolo ya Mmadnare go tsaya thuto ka tlhwaafalo le go tlhokomela dikago le ditsela mo kgaolong.

Mopalamente Mzwinila o ne gape a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgotleng ya Mmadinare go ithuta gore batho ba tshela jang, le go tlhaloganya matshwenyego a bone. Gape o ne a ba rolela dikgang ka tsa palamente e e fetileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Mmadinare

Event : Bokopano

Date : 28 Oct 2015