Breaking News

Tlale o tlhokafetse

28 Oct 2015

Modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Rre Botswelelo Tlale, o tlhokafetse.

Ba lelwapa la gagwe ba boletse mo potsolotsong fa Rre Tlale  a tlhokafetse maabane (Phalane 27) kwa Mahalapye.

Go bolelwa fa a ne a kubugelwa ke bolwetse, mme a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Shoshong mme a fetisetswa kwa kokelong ya Mahalapye kwa a a tlhokafaletseng teng..

Rre Tlale, yo o tlogelang mohumagadi le bana ba le bane, o tsholetswe kwa Shoshong ka 1947, mme o dirile dithuto tse dipotlana kwa sekolong se sebotlana sa Shoshong.

O ne thapiwa ke lephata la dikitsiso le seromamowa ka 1975 a direla kwa Mahalapye, mme morago a hudusediwa kwa dikgaolong tsa Maun, Kanye, Gaborone le Molepolole go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi ka 2006.  

Ka ngwaga wa 2012, Rre Tlale one a thapiwa ele mogolwane wa tsamaiso ditiro mo ofising ya mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele kwa a tlhokafalang a ntse a direla teng.

 Lefa go ise go tlhomamisiwe se se ka tswang se bakile leso la gagwe, Mme Odirile Tselampe, yo e leng mmangwaneagwe, o tlhalositse fa Rre Tlale a ne a tshwenngwa ke bolwetse jwa sukiri le madi a matona.

Mme Tselampe o supile fa dithulaganyo tsa phitlho di ise di wele. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Tatolo

Date : 28 Oct 2015