Breaking News

Babirwa ba a ikgata motlhala

27 Oct 2015

Go tlaa bo go o sha legong go sala molora kwa Mphukudu kwa Motlhabaneng fa Babirwa ba tlaa bo ba keteka letsatsi la ngwao Matlhatso. 

Kgosi Bethuel Machete  wa  Mothabaneng o boletse mo potsolotsong fa mokgatlho wa Ngwao Loshalaba kwa Bobonong o tlaa bo o tsene moletlo oo, o o tlaa gogang sebaka sa malatsi a mabedi. Mothabaneng o humile thata matlotlo a ditsa tlholego

Kgosi o ne a tlhalosa gore go ne ga dumelanwa gore go simololwe go ipelela moletlo wa go nna jalo e le la ntlha mo ditsong tsa Sebirwa. 

A re go tlhophilwe Mothabaneng ka mabaka a gore motse o ke one boremelelo jwa ditso tsa Babirwa, e bile Babirwa botlhe ba tlholegile mo motseng oo,  ka ke gone kwa ba simolotseng go thibelela  teng fa ba ne ba tswa kwa Aferika Borwa.

Kgosi Machete a re moletlo oo, o tlaa bo o supa bokgeleke, botswerere le bonatla jo bo dirwang mo ngwaong ya Sebirwa.

Kgosi Machete o tlhalositse fa moletlo o, o tlaa tshwarelwa kwa Mphukudu  ka go na le ditswantsho le botaki jo bo neng jwa dirwa mo mantsweng a lefelo leo ke batho ba go dumelwang e le mabutswapele a go lebegang a kile a thibelela mo Mothabaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Coleen Machete

Location : Mothabaneng

Event : Potsolotso

Date : 27 Oct 2015