Kgosi o kopa morafe go thusana go aga Mmopane
27 Oct 2015
Kgosi ya Mmopane e gwetlhile morafe wa gagwe go tshwaraganya diatla go aga motse wa bone ka pelo e le nngwefela.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moarabi Taumanthe, a tlhalosa fa a tlhaloganya gore motse wa gagwe o na le baagedi ba ba farologanyeng mme seo a supa gore ga se a tshwanela go ba itsa gore ba kopane ba lwantshe borukutlhi jo bo jwelelang mo motseng wa gagwe.
O ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore banni botlhe ba tsene diphuthego tsa kgotla ka ke tsone tse go kgaoganwang melaetsa e e botlhokwa ya go aga motse le maele a botshelo ka kakaretso.
O ne a supa fa a tlhobaediwa ke gore diphuthego tsa kgotla di tsenwa ke babereki ba Ipelegeng fela, e bile a supa gore batsadi le morafe ka kakaretso ga ba tsene diphuthego tsa kgotla.
Kgosi o ne a supa fa selelo sa gagwe e le sa banana ba ba tlhokang tsebe a tlatsa ka gore bontsi jwa bone bo tlhola kwa dibareng. Kgosi o ne a tlhalosa fa dintwa le tsone di ile magoletsa, a bo a supa gore dintwa tseo di masisi ka jaana banana bao ba gobatsana ka one mabotlolo a ba nwang ka one. O ne gape a tlhalosa fa seemo se, se ka reba fela fa morafe o ka tsenya letsogo.
Rre Taumanthe o ne gape a supa gore banana ba kgabagare ke bone ba ba amegang mo bogodung jo bo ileng magoletsa mo motseng wa gagwe.
O tlhalositse fa batsadi e le bone ba ba ka thusanyang le mapodisi go emisa seemo seo.
O ne gape a ba gwetlha gore diemo tsa go nna jaana di tlhokana le tirisano mmogo ka gore banana bao ba setse ba godile go botlhokwa gore batsadi ba tsibogele seemo se, mme ba ise banana bao kwa mapodising kgotsa kwa kgotleng go ya go otlhaiwa ka jaana go bipa mpa ka mabele go ka digela motse gammogo le morafe ka lemena. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : Mmopane
Event : Potsolotso
Date : 27 Oct 2015






