Breaking News

Thuto le lerato di a thoteng mo kgodisong ya ngwana

27 Oct 2015

Thuto le lerato di botlhokwa mo go godiseng bana le go ba betlela bokamoso jo bo phatsimang.

Se, se builwe ke mopalamente wa Tati Botlhaba, Rre Samson Guma, kwa moletlong wa kabo dimpho  kwa sekoleng se sebotlana sa Borotsi kwa Bobonong.

O gwetlhile batsadi go tsena ditiro dingwe le dingwe tsa sekole tse di amang bana a tlatsa ka gore go  dira jalo ke go supa lerato le gore batsadi ba a kgathala ka thuto ya bana ba bone.

Rre Guma  o rotloeditse baithuti ba ba sa tsayang dimpho go ikitaya ka thupana go tokafatsa maduo mme ba seke ba nna le mowa wa boitlhobogo ka gore le bone nako nngwe le tlaa ba tlhabela.

O tlhalositse fa thuto ya dibuka e se yone tsela fela ya go supa gore motho o botlhale ka gore motho mongwe le mongwe o na le talente e e pharologano e a e neetsweng ke Modimo e bile a ka e dirisa go supa botlhale jwa gagwe.  

Rre Guma  a re mokgwa wa go ruta baithuti thuto ya dibuka fela o tshwanetse go fetolwa go itebaganya le thuto ya segompieno jaaka ya go dira ka diatla.

Rre Guma  o tsweletse a tlhalosa fa bana e le mpho ya Modimo ka jalo a supa fa mpho e le selo se se tshwanetseng go tshwarwa ka lerato, matsetseleko le kelelelo.

O supile fa batho ba tshwanetse go neelana lerato le tlotlo ka go bo motho a bopilwe mo tshwanong ya Modimo a tlatsa ka gore fa o tlotla motho yo mongwe o tlotla Modimo ka sebele.

Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole seo, Mme Babedi Bhunu o tlhalositse fa letlhoko la matlo a barutabana, dibuka le dibalamakgolo e le dingwe tsa dikgwetlho tse di aparetseng sekole seo.

O tsweletse a supa fa sekole sa Borotsi se ntse se sa dire sentle mo dingwageng tse di kwa morago mme se simolotse go tokafatsa maduo ka ngwaga wa 2013. 

Mme Bhunu o tlhalositse fa go tlhoka go dira sentle mo dithutong ga baithuti go dirwa ke gore bontsi jwa bone ba nna ba le nosi kwa malapeng fa batsadi ba nna kwa masimo fa ba bangwe ba latlheletswe.

  O gwetlhile batsadi go ema bana nokeng ka go bo bana e le teemane ya lefatshe la Botswana ya ka moso.

  Sekole seo gape se ne se bula ntlo ya setso e e neng ya bulwa ke motlhatlhelela dithuto kwa University of Botswana Professor Edward Dintwa yo  o tlhalositseng fa ngwao e le botlhokwa mo go supeng boleng jwa motho e bile gape e le yone e supang pharologano go ya ka merafe.

Fa a latlhela la gagwe Rre Daniel Motsumi  o gwetlhile batsadi go thusa baithuti tiro ya sekole ka jalo a supa fa go alosa sekgantshwane  e se selo se se motlhofo.

O tsweletse ka go rotloetsa baithuti go ikemela ka dinao ka botshelo bo le mo diatleng tsa bone.

Rre Motsumi o supile fa barutabana ba rwele mokgweleo o mogolo mme a kopa batsadi le beng ba dikgwebo go thusa barutabana go rwala mokgweleo oo mme le ene a ikemisetsa go ema sekole seo nokeng. 

 Morotloetsi wa sekole seo Rre Kebadiretse o reketse baithuti ba ba gaisitseng dietsele mo mophatong mongwe le mongwe fa baithuti ba pele ba Borotsi Alumni  ba emetse sekole sekolo seo  ka dinao ka go rekela barutabana ba ba gaisitseng paka  ya metshameko ka go farologana e le go supa thotloetso mo go bone. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Bobonong

Event : Kabo Dimpho

Date : 27 Oct 2015