Inaakanyeng le mananeo a puso
27 Oct 2015
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Duncan Ramasiagopana, o gwetlhile banni ba Gaphatshwa go inaakanya le mananeo a puso go ikinola mo lehumeng.
Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Rre Ramasiagopana a re mananeo a tshwana le Ipelegeng, nyeletso lehuma le la kago ya matlo la Self Help Housing Agency (SHHA) a diretswe Batswana ka jalo ba seka ba ipona tsapa go inaakanya le one ka a ka ba thusa go tlhabolola matshelo a bone.
A re lenaneo la nyeletso lehuma le tlhabolotswe ka go okeditswe ditirelo tse ba ntseng ba di fa batho.
Rre Ramasiagopana a re se se thusa fela thata ka se fa baikopedi sebaka sa go itlhophela se ba se ratang e bile ba itse fa se ka ba busetsa.
O boleletse morafe o o neng o tshologetse phuthego eo go tsenya dikopo tsa bone go thusiwa ka lenaneo le.
Fa a itebaganya le komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ramasiagopana o ne a begela banni fa puso e tsere tshwetso ya gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di tsamaisiwe ke khansele.
O ne a tlaleletsa ka gore maloko a komiti ya ditlhabololo ga a tshwanela go ikgagapelela dithoto tsa morafe. A re go bo khansele e itebaganya le go laola dikomiti tse go ka thibela tshenyetso setshaba ka dibuka le tsone di tlaa simolola go dupiwa.
Ka lenaneo la SHHA, modulasetilo o ne a bolela fa a na le matshwenyego ka jaana banni ba motse oo ba le maoto a tshupa go dirisa lenaneo le.
A re go ya ka dipalo, go simolola ka ngwaga wa 2008 go fitlhelela ka wa 2015 batho ba le boferabongwe ba ne ba tsenya dikopo tsa go tlhabololelwa malwapa fa ba le supa fela ba ne ba tsenya dikopo tsa go agelwa matlo gone mo motseng wa Gaphatshwa le Metsimotlhabe.
A re dipalo tse ga di kgotsofatse ka jalo banni ba tshwanetse go nna ba botsa e bile ba sa tshabe go etela diofisi tsa bone go kopa dithuso.
E rile ba akgela banni ba kaya fa tshwetso ya puso ya go laola dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse e le kgato e e molemo ka jaana se se ka fokotsa tshenyetso setshaba.
Bangwe ba ne ba ikuela ka dimausu tse di tletseng e bile di setse di leswafatsa maemelo a dikhombi tsa Metsimotlhabe.
Ba re seemo se se tswa mo taolong ka jaanong bangwe ba rekisa ditagi mo go tsone. Ba tlatsa ka gore ba ba rekisang ba se age dimausu mme ba dirise dikhukhu. Banni ba ne ba boa gape ba ngongorega ka badiri ba Ipelegeng ka jaana ba re matshelo a bone a mo diphatseng.
Ba supile fa go sena dipolasetiki tsa matlakala, diatlana, dilepe le dikiraba mme se se sa ba siamela le botsogo jwa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Kegoeng
Location : Gaphatshwa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Oct 2015






