Breaking News

Puso e tsenya botshelo mo itsholelong

27 Oct 2015

Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re puso e tsere tshwetso ya gore e tsenye botshelo mo itsholelong ya lefatshe leno ka go tsaya bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele.

Fa a buisa diphuthego kwa metseng ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala bosheng o boletse fa madi a a tla a tsewang kwa mafatsheng a sele, a tlaa itebaganya le ditlhabololo tse di akaretsang dikago, bojanala le ditlhabololo tsa ditsha.

Rre Maele a re le fa itsholelo ya lefatshe leno e santse e le botoka, mafatshe mangwe a setse a supa fa itsholelo ya one e simolotse go wela tlase. 

A re puso e tla a leka ka bojotlhe gore seemo seo se seka sa babalela lefatshe leno. 

O tsweletse a re fa puso e ka phutha mabogo e sa dire sepe, seemo sa go phutlhama ga itsholelo sa 2008 se tlaa ipoeletsa mo lefatsheng leno.

Ka jalo Rre Maele a re puso e ne ya tsaya tshwetso ya go tsaya madi a Batswana go a tsenya mo itsholelong ya bone mme a dirisiwe mo ditirong tse di ka solegelang Batswana molemo jaaka go ba tlhamela ditiro.

Rre Maele a re ditlhabololo tse di tlaa dirwang di tlaa dirwa ka bofefo pele ga ngwaga wa madi o wela.

Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a ikuela mo batsading go mo thusa seemo se banana ba itirileng moriti o tsididi ntswa puso e ba direla mananeo. 

A re bangwe fa ba tshwanelwa ke go ikopela mananeo ao ba ntsha mabaka a a lolea a tshwana le a gore ga ba na madi a dipalamo go latela dipampiri tsa go ikopela mananeo le a gore dipampiri tsa ikopelo di thata go tlhaloganngwa. A re dipampiri tsa ikopelo ya mananeo a banana di ne tsa tlhofofadiwa mme banana ba ntse ga ba tsibogele mananeo a bone. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Phuthego

Date : 27 Oct 2015