Mopalamente o kgala badirelapuso
26 Oct 2015
Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o kgadile badirelapuso ba ba tlang morago ga nako kwa diphuthegong tse di buisiwang ke matona a puso le mapalamente.
Rre Makgalemele, yo e bileng e le mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, o kgadile jalo mo diphuthegong tse mo go tsone a neng a lekodisa banni ba metse ya Tobela, Ikongwe, Mmutlane le Kalamare ka melao e e dumelanweng mo palamenteng e e fetileng.
A re e re ntswa mmuso o dirile melawana e le lesome e badirelapuso ba tshwanetseng go e sala morago mo tirong kana ba thusa setshaba, o swabisiwa ke babereki bangwe ba ba tsweletseng ka go tla morago ga nako mo tirong e bile ba goga dinao go thusa setshaba ntswa ba duelwa kgwedi le kgwedi ka makgetho a Batswana.
O tsweletse ka go bolelela banni ba metse eo fa mmuso o sekaseka mogopolo wa go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele go tsweledisa ditiro tse di saletseng morago le ditiro tse di neng tsa seegelwa kwa thoko ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe.
Rre Makgalemele o rile fa palamente e ka dumelana le mogopolo oo, madi ao a tlaa dirisiwa go aga dikokelo le dikokelwana, dikole tse dikgolwane le tse dipotlana, go tlhabolola ditsela, go tokafatsa bonno jwa badirelapuso le go lwantsha seemo sa tlhaelo ya motlakase le metsi.
Mothusa tona o rile mengwe ya melao e e dumelanweng mo palamenteng e e fetileng e akaretsa wa go phimola lekgetho le le ntseng le lopiwa dikompone di tshwana le ya Botswana Meat Commission, go fetola sekole sa temo-thuo kwa Sebele go nna mmadikole le molao o o tlaa laolang dikompone tsa itshireletso.
Rre Makgalemele yo a neng a abela banni ba metse ya Tobela le Ikongwe dipone tse di dirisang marang a letsatsi, o kopile batlhophi ba kgaolo ya gagwe go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka dirisang mananeo a puso go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno e e neng ya kokonelwa ke manokonoko a kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe.
E rile a itebaganya le selelo sa banni ba Kalamare,Mmutlane,Ikongwe le Tobela mabapi le seemo se se bifelang pele sa leuba, a bolela fa Tautona le mmuso wa gagwe ba tsere ditshwetso tsa go ema setshaba nokeng ka go fokotsa ditlhwatlhwa tsa theko ya dijo tsa loruo le tlhwatlhwa ya theko ya melemo mo marekisetsong a Livestock Advisory Centre (LAC).
Mo diphuthegong tseo, dikgosi le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse gammogo le morafe ba ne ba itumelela ditlhabololo tse di dirilweng mo metseng ya bone ka lenaneo la Ipelegeng le lenaneo la nyeletso lehuma le ba reng le ka ogola Batswana ba le bantsi mo lehumeng la nta ya tlhogo.
Ba re le ntswa lenaneo la Ipelegeng le la nyeletso lehuma a ka solegela Batswana molemo sebe sa phiri ke tiego ya go goroga ga didirisiwa tsa Ipelegeng kwa dikgaolong le tiego ya go thusa batho ba ba ikopetseng dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma ga badirelapuso segolo jang ba ba neetsweng boikarabelo jwa go diragatsa mananeo ao jaaka badiri ba lephata la temo-thuo le ba lephata la boipelego. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Shoshong
Event : Phuthego
Date : 26 Oct 2015






