Bayei ba batla kemedi kwa ntlong ya dikgosi
26 Oct 2015
Banni ba Bayei ba supile ngongorego ka kopo ya go nna le kemedi kwa ntlong ya dikgosi, e ba tlhalositseng fa ba sa le ba e beile puso pele dingwaga tse di fetileng.
Ba boletse jalo kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke tona wa dikgaolo, Rre Slumber Tsogwane, ka Labone fa a tsile go rolela setshaba ka lenaneo la puso la go leka go inola itsholelo mo manokonokong a kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe.
E rile a supa ngongorego, mokhanselara wa pele, Rre Motlamedi Moqwa, a tlhalosa gore kgang e e ba utlwisa botlhoko ka ba sa le ba eme dingwaga tse dintsi.
O tlhalositse gore e le morafe wa Bayei se se ba baya ka fa mosing, gape ga go supe fa kgang ya bone e ka rarabololwa.
E rile a araba, tona a supa fa kgang e puso e e itse mme a ba rurifaletsa fa ba tlaa arabiwa pele ga ngwaga o fela.
O tlhalositse gore puso e a leka thata go bona gore tshaba ya Botswana ga e utlwe manokonoko a kwelo tlase ya itsholelo ka jalo,ba tsile ka mananeo a tshwana le dikago,ditsela le ditlamelo tse dingwe go fokotsa seemo se kwelo tlase ya itsholelo e kileng ya baya setshaba le puso ka fa mosing.
O tlhalositse gape gore puso e tlaa fokotsa go tsaya ditirelo kwa ntle ga lefatshe mme o kopa bagwebi go tsaya sebaka se mme ba se dirise sentle.
O kgadile bogolojang beng ba dikonteraka ba ba nnang ba fiwa ditiro mme ba sa dire tiro ka bokgabane a tlhalosa gore go nna maoto a tshupa mo tirong le gone go imela itsholelo ya lefatshe.
Morafe wa Gumare gape o ne wa bolelela tona gore ga ba itumedisiwe ke tsamaiso ya go aba ditiro mo kgaolong-potlana ba supa gore go na le boferefere jo bontsi mo go felelang banana ba motse ba sa fiwe ditiro mme go neelwe batho ba tswa dikgaolong tse dingwe.
Ba kopile tona gore ba itemogetse gore fa modirelapuso a nna lobaka mo kgaolong,ga a bereke sentle le bone ka jaanong tlwaelo e mo sira mo matlhong. Ba kopile gore badirelapuso ba nne dingwaga di ka tlhano mo lefelong mme eseng go feta foo.
E rile a araba tona a dumalana gore dikopo tsa bone di tlaa sekasekiwa mme a kopa badirelapuso go bereka ka natla.
Mopalamente wa kgaolo Rre Thato Kwerepe e rile a ntsha malebo, a akgola tona go bo a tsere sebaka mo mogoteng o o kana go tla go rerisa setshaba.
O buile a sa kgwe mathe ka tlhaelo ya boroko kwa sepateleng sa Gumare, mme a kopa gape gore puso e sekaseke go baakanya sepatela ka se baya balwetsi ka fa mosing. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gumare
Event : Phuthego
Date : 26 Oct 2015






