Breaking News

Bomme ba rotloeditswe go ithamela dikgwebo

26 Oct 2015

Bomme ba kgaolo ya Mahalapye ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso a go adima madi go itshimololela dikgwebo, go tokafatsa matshelo a bone.

E rile a bua bosheng, mothusa mookamedi wa mokgatlho wa Women in Business Association (WIBA) Mme Nametso Ntsosa-Carr a re mokgatlho wa bone o remeletse mo go tsholetseng bomme gore ba nne le seabe se se bonalang mo itsholelong ya lefatshe.

 Mme Ntsosa-Carr a re ba thusa bomme gore le bone ba nne le maemo a a botoka a gantsi a tlwaelesegileng ke go tshwarwa ke borre.

A re ba thusa bomme ba ba nang le kgatlhego ya go dira kgwebo ka go ba thusa go batla madi mo makalaneng otlhe a a abang madi. A re morago ga moo ba ba rutuntsha ka go tsamaisa kgwebo le go ba batlela mebaraka e ba ka rekisang dithoto tsa bone ko go yone.

 A re mokgatho wa bone o tswa bogologolong o lemogiwa ke puso ka o rotloetsa go tsholetsa matshelo a bomme nngwe ya dilo tse puso e batlang go bona di atlegile .

A re ba engwe nokeng ke makalana a tshwana le Centre of Development of Enterprise(CDE) ,Tokafala le SADC e le yone e kgathegelang go bona bomme ba borwa ja Afirika ba kgona go ikemela mo go direng matshelo.

O ne a gwetlha bomme gore ba se tshabe go tsena mo dikgwebong tse ditona jaaka tsa meepo le bojanala a kaya fa di le bogadi bo gaufi.

E rile fa a tlatsa,  mookamedi wa Diponeng Hotel, Mme Gotweng Gabotale o ne a re o itumelela tshologelo e bomme ba gaabo ba tsileng ka yone go tla go ikutlwela.

Mme Gabotale o ne a re go a supa gore ba na le maikaelelo mme ba tshwanetse go nna ba reetsa gore ba rutege e bile ba nne le kitso ya se se tlhokafalang. A re go simolola kgwebo go na le dikgwetlho mme kwa bofelong go tsisa boitumelo fa o setse o atlega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Barati Masigo

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 26 Oct 2015