Ipelegeng e belege Letlhogonolo
26 Oct 2015
E re ka puso e itlamile go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Batswana ka go tlhama mananeo a a farologaneng go itshetsa, se se tswa maduo ka Batswana ba ba inaakantse le mananeo a go tokafatsa matshelo le go fitlhelela ditoro tsa bone.
Mme Letlhogonolo Magogoba wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe ke mongwe wa banana ba lenaneo la Ipelegeng le ba thusitseng go fitlhelela ditoro tsa bone.
Mme Magogoba o tlhalositse gore e rile morago ga go retelelwa ke go dira sentle mo mophatong wa botlhano a seka a kgobega marapo mme a inaakanya le Ipelegeng go mo thusa ka a na le toro ya go nna mosigi wa diaparo wa tlhwatlhwa.
A re o bone fa Ipelegeng e le tsela le boammaruri ka a ne a bona fa e ka mo thusa gore a seka a simolola mekgwa e e fatlhang jaaka go nwa bojalwa, go rekisa diritibatsi kgotsa go inaakanya le marato a batla madi.
Mme Magogoba o boletse gore ka letseno la gagwe la P540 la kgwedi le kgwedi o itsenya sekole kwa Realic Education kwa a ithutelang dithuto tsa Certificate in Fashion Design. A re mo nakong eno o ithutuntsha mo go tsa go roka kwa kerekeng ya Divine Mercy kwa Metsimotlhabe.
A re Ipelegeng ga e ise e mo tlhabise ditlhong ka tsatsi lepe ka fa e ne e se ka yone o ka bo a sa fitlhelela se a se batlang mo botshelong.
O tlhalositse fa morago ga go digela tiro ya letsatsi mo Ipelegeng a lebagana le tsa sekole. A re se, se a mmerekela ka jaana se sa kgoreletse tiro ya gagwe ya sekole segolo jang ka a fetsa mo Ipelegeng motshegare e bile nako e santse e le ntsi.
O kgothaditse banana jaaka ene gore ba seka ba lebela mananeo a puso ko tlase segolo jang la Ipelegeng ka ene e le mopaki wa gore lenaneo leo le a bereka fela thata.
O tsweletse a re banana ba tshwanetse go tswa mo mekgwatheng e bile ba emise go inaakanya le mekgwa e e ka bayang matshelo a bone mo diphatseng ba leka go bona tsela ya go itshetsa mme ba dire tse di molemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Kegoeng
Location : Gaphatshwa
Event : Potsolotso
Date : 26 Oct 2015






