Ba kopilwe go nna boammaruri
27 Oct 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o kopile banni ba Mmatshumo go dira boammaruri fa ba kopa mananeo a puso.
Mopalamente Lelatisitswe o ntshitse kopo e fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, morago ga gore banni ba lele ka gore ba filwe dipodi mme ga ba na kwa ba di nosang teng ka jalo ba kopa gore puso e ba batlele metsi.
Mopalamente a re mananeo a na le tsamaiso le ditshetlana tse motho a di kopiwang jaaka lenaneo la dipodi la LIMID go lopiwa lekwalo la sediba kana la motho yo o kopileng metsi mo go ene.
Rre Lelatisitswe o ne a kopa banni go dirisa ofisi ya gagwe ka dinako tsotlhe a re dikgang tse dingwe ga di a tshwanela go letela diphuthego tsa mopalamente tse di tlang morago ga lebaka.
O ne gape a ba kopa gore ba tshephe dikgang tse badirelapuso ba di ba bolelelang ka jaana ba bereka gone mo maphateng a puso a a nang le bo tona.
Banni ba ne ba lela ka bogodu jwa leruo jo ba reng bo kwa godimo mo kgaolong ya bone, ba re bo gakatswa ke gore mapodisi ga a na dikoloi mme go dire gore magodu a seka a tshwarwa.
Kgosi wa Mmatshumo Rre Keletshwaretswe Phetsogang o kopile mopalamente gore mo mading a a ko mafatsheng a sele a Tautona a neng a bua ka one ba akanyediwe mo go dirweng ga tsela ya Mmatshumo/Mosu le ya Makgadikgadi.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Balebi Ketimetse ene o ile a lebogela lenaneo la Ipelegeng a re le thusa batho fela thata e bile a re ene o e bitsa kompone e tona, mme a re ba kopa gore ba okeletswe dipalo ka gore batho ba batla tiro eo ba feta palo e ba e filweng go menaganye.
Rre Ketimetse o ile a kopa gore ba atameletswe dijo tsa leruo gore barui ba ba senang dikoloi ba kgone go rekela leruo la bone dijo.
Mogolwane wa tsadiso le tlhabololo ya leruo Rre Bueno Mokhutshwane a re lenaneo la go atameletsa barui dijo tsa leruo mathata e ntse e le tlhaelo ya dikoloi mme a re jaanong ba simolodisitse lenaneo la go hira diteraka tsa beng ba tsone.
Rre Mokhutshwane a re lenaneo la LIMID madi a lone ke 12 000, 10 000 e le wa go reka leruo. Fa P2 000 ene a dirisiwa go reka dijo le melemo ka jalo nako nngwe a tlhaela seelo sa dijo le melemo se se beilweng.
A re maikaelelo a mananeo ke go ntsha batho mo lehumeng ka jalo fa di sena dijo kana melemo o ka rekisa e nngwe wa di rekela dijo ka melemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Oct 2015






