Breaking News

Banana ba Gakuto ba baakanya letamo

26 Oct 2015

E re ka lefatshe ka bophara le itemogela komelelo le letlhoko la metsi, go a tlhokafala gore bonnyenyane jo bo leng teng bo somarelwe le metswedi ya metsi e tlhokomelwe.  

Batswana mo nakong eno ba ntse ka tsholofelo ya gore pula e tlaa na mo nakong e e sa fediseng pelo, mme e tlatse matamo, ke sone se banana ba mokgatlho wa balemi-barui ba ga Gakuto ba boneng go tshwanela gore ba tsenye letsogo mo go thuseng go baakanya letamo la motse oo.

Letamo le, ke lengwe la matamo a mararo a a fitlhelwang mo motseng o, mme go bolelwa le sa le le tshegetsa motse o ka dingwaga tsa bo 1975, e bile metsi a teng a dirisiwa mo kagong ya sekole se sebotlana sa Gakuto. Mo godimo ga moo, le ne le nosa setshaba le leruo ka jaana dipompo mo motseng oo di gorogile ka dingwaga tsa bo 1990.

Fa motho a ka ipha nako go lebelela ka kelotlhoko, o tlaa lemoga gore le mo bogompienong letamo leo le santse le tshegeditse motse oo, ka metsamao ya batho ka dikiriba, diemere ga mmogo le dikotshekara di rwele dikupu e sa kgale mo letamong leo. Leruo le lone le nwa mo letamong leo.

Ka morafe wa Gakuto o itse botlhokwa jwa letamo leo, go ne ga tlhamiwa komiti e e tlaa etelelang morafe pele mo tlhokomelong ya lone. Komiti e e netefatsa tiriso e e siameng ya letamo leo, ka tsela ya go baya melawana e e tshwanang le ya gore barui ba seka ba tlogela leruo le tla go inosa, mme ba le gatelele ba tle go le nosa gammogo le go ela tlhoko selekanyo se se rileng se morafe o letlelwang go se gelela.

Molemisi mo motseng, Gabaoitse Tiroyaone, a re komiti e e lebanwe ke letlhoko la madi go fa letamo leo tlhokomelo e e rileng, mme maiteko mangwe a ba a dirisang go kgobokanya madi e le go kgethisa morui mongwe le mongwe yo o nosang ko go lone dipula tse tlhano tlhogo ya kgomo kana dihutshane, e le madi a a duelwang gangwe mo ngwageng.

Go a tlhalosega fa e rile ka 2005 letamo le ga lekwa go le katolola ka go le oketsa le go le baakanya mme ka gone go tlhoka madi, tiro eo ya seka ya wela sentle,ka jalo e ntse e eme fela, le lone jaanong le sa kgone go tshwara metsi sentle.

E rile go utlwa manokonoko a letlhoko la metsi mo leruong le mo temong, mokgatlho wa banana ba balemi-barui ba motsana o ba bona gore ba tswe ka dikakanyo dingwe go thusa mo paakanyong ya letamo le.

Tamora Tiroyaone, modulasetilo wa mokgatlho o, a re mongwe le mongwe wa bone mo mokgatlhong o, jaaka ba le lesome le bobedi, ba ne ba ntsha podi mongwe le mongwe wa bone. A re ka thuso ya kgosi ya bone ebong Abdul Letlamma le ba komiti ya letamo, ba semeletse ka go tsena mo morafeng gore morui mongwe le mongwe yo o kgonang a ntshe podi kgotsa madi a a tshwarang dipula tse di makgolo a supa, gore go kgonwe go kgobokanya madi a paakanyo ya letamo leo.

Mme Tiroyaone a re o tlhalosa fa seemo sa letamo leo se ama maiteko a banana fa ba kopa mananeo a puso go lema le go rua. 

 

A re ka letamo leo e le lone motswedi wa metsi mo balemi-baruing, banana  ba le kaya e le lone le ba tlaa le dirisang mo dikopong tsa bone, basekaseki fa ba bona le se mo seemong se se itekanetseng ba boela morago mo go thuseng banana ka ditshekatsheko tsa bone di supa fa letamo le sa tshephege go ka ba thusa ka lobaka go tshegetsa dikgwebo tsa bone tsa temo-thuo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Bakgoeng

Location : Gakuto

Event : Potsolotso

Date : 26 Oct 2015