Mokwadi o tla a simolodisa buka ya Ba ga Mmanaana
26 Oct 2015
Rre Moffat Herry wa dingwaga tse masome mane le bofera bobedi wa Thamaga o tlaa simolodisa buka e a e kwadileng ka ditso tsa Bakgatla ba ga Mmananaana kgwedi e e tlang.
Fa a bua mo potsolotsong kwa moletlong wa ngwao bosheng kwa Thamaga, Rre Herry yo e leng mogwebi o tlhalositse gore buka e e bidiwang Ditso tsa Bakgatla Ba Ga Mmanaana e ka bo e simolodisitswe ka letsatsi leo la ngwao mme a tlhalosa gore go santse go setse tiro e e seng kalokalo.
Rre Herry a re o kwadile buka e a sena go gwetlhiwa ke go lemoga gore ngwao e a nyelela, a tlhalosa fa se se dirwa ke gore ga go sa tlhole go na le maitiso a ka one bagolo ba neng ba tle ba lotlegele banana ka ditso tsa bone ka jalo go nna le kamogano ya ngwao mme a re banana ba nna ko ditoropong le batsadi ba bone ba malatsi a sesha.
A re bonyenyane jo bo teng bo buiwa mo ditlotlong ka ditso ga bo a lekana go fetisetsa ditso ko bananeng, ka jalo a re buka e e tlaa solegela Batswana ka kakaretso le Bakgatla ba ga Mmanaana molemo.
A re go lemoga fa thuto e tlhaela ka ditso tsa Batswana bogolo thata ka morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana o ikaelela go kwala ditso tse go tla bana ba ba tswang kwa tlase ba di itse, ka jalo a re o ne a simolola letsholo la go epolola ditso tse mo bathong ba ba farologaneng, a okomela le se bakwadi ba bangwe ba se kwadileng ka Batswana mmogo le mekwalo ya ditso mo metlobong.
Rre Herry o tlhalositse gore bontlha bongwe jwa buka e bo bua ka merafe ya Botswana, gore ba tlholegile kae, go kgaogana ka mafelo ga merafe, mme ko bofelong a remelela mo ditsong tsa Bakgatla ba ga Mmanaana.
A re ntswa Bakgatla ba le ditlhopha tse tlhano, morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana ke one o tsileng pele mo Botswana o tlholega ko lefatsheng la Aferika Borwa, mme ba goroga mo Botswana ka 1853.
O tlhalositse gore buka e o setse a simolotse go e bapatsa mme a re e tlaa bo e le teng mo marekisetsong a dibuka, mo metlobong, mme a re le batho ba ka e reka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 26 Oct 2015






