Baikopedi ba tlaa thusiwa
26 Oct 2015
Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re puso e tsere tshwetso ya gore go tsibogelwe go thusa Batswana ba ba saleng ba ya dithutong tsa mananeo a nyeletso lehuma mme ba ise ba thusiwe.
Rre Maele a re go lemosegile fa go na le Batswana ba le bantsi ba ba saleng ba ya dithutong tsa mananeo a nyeletso lehuma mme ba ise ba thusiwe ka jalo ba tshwanetse ba tsibogelwe.
A re bangwe ba sa le ba ile dithutong ka ngwaga wa 2011 mme ba ise ba bone dithuso ka jalo puso e tsere tshwetso ya gore go tsibogelwe gore ba thusiwe mme go emisiwe tshekatsheko ya ba ba batlang dithuso tsa nyeletso lehuma go fitlhelela go wetswa ba ba ikopetseng pele.
Mo go tse dingwe, Rre Maele yo e bileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, o ne a kopa banni ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa dingwaga tse di masome a matlhano.
A re boipuso jwa ngwaga o o tlang e tlaa bo e le jo bo nang le pharologanyo ka jalo fa go kgonagalang teng banni ba fokotse ditiro tsa mo gae gore le bone ba kgone go ipelela letsatsi leo. Rre Maele o ne a supa fa a sa itumelele ka fa bangwe mo metseng ya bone ba ketekang boipuso ka teng.
A re bangwe ba keteka boipuso mo dikgotlaneng tsa bone ka bongwe ka bongwe boemong jwa gore go dirwe boipuso mo kgotleng e tona ya motse.
A re go keteka boipuso ka dikgotlana go felela go dira gore batho ba seka ba tla ka bontsi kwa kgotleng e tona ka jalo o ne a kopa banni go bona gore a ba ka seka ba buisanya go fetola se.
O ne a itsise banni fa ditsetlana dingwe mo ditsamaisong tsa go tlhopha dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di phimotswe ntateng ya dingongorego go tswa mo Batswaneng.
A re tsetlana e e neng ya ntshiwa mo tsamaisong ya go tlhopha maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ke e e neng e bua gore motho a ka nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse fa a na le teseletso ya boagedi e bile a ntse mo lefatsheng leno dingwaga tse pedi.
O tlhalositse fa Motswana yo o nang le Omang e le ene fela a ka tsenang mo komiting ya ditlhabololo tsa motse.
Rre Maele o tsweletse a re ntlha e nngwe e e neng e sa itumedise Batswana e ne e le e e neng e bua fa motho a ka seka a tsenelela komiti ya ditlhabololo tsa motse fa a tshwere bodulasetilo jwa diphathi tsa sepolotiki.
A re mo nakong eno Motswana yo o nang le keletso ya go tsena mo komiting ya ditlhabololo tsa motse e bile a tshwere bodulasetilo jwa phathi ya sepolotiki a ka dira jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Phuthego
Date : 26 Oct 2015






