Breaking News

Lephata le eme sejaro

25 Oct 2015

Moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa Serowe, Rre Felix Mothatego, a re lephata la gagwe le seegetse kwa thoko P610 million go dirisiwa mo lenaneong la ISPAAD mo ngwageng wa temo wa 2015/16.

O boletse mo potsolotsong gore motho mongwe le mongwe yo o tlaa dirisang maikaelelo a mmuso a go lema ka ditselana o tlaa lemelwa ditema tse tlhano le go fiwa dipeo le melemo e e bolayang diji mahala, mme a bolela fa ba ba sa lemeng ka ditselana bone ba tlaa thusiwa ka dipeo tse e seng tsa mmoulo.

Rre Mothatego a re le ntswa pula e ise e phaile, lephata la gagwe le setse le rometse dipeo mo dikgaolwaneng tsotlhe tsa kgaolo ya Legare e bile a bolela fa balemi bangwe ba setse ba kgwarintse lefatshe mo meshanshanyaning ya bosheng gore mmu o kgone go somarela bokgola fa dipula di na.

O tsweletse ka go tlhalosetsa ba dikgang fa ba setse ba kwadisitse beng ba ditshukudu tsa temo mo kgaolwaneng ya Serowe ba le 168 le ba ba rekisang dipeo, menontshane le melemo e e bolayang diji ba supa.

A re o kopa balemi botlhe ba ba tlaa thusiwang ka lenaneo la ISPAAD mo temong ya monongwaga go nna teng fa beng ba diterekere ba lema masimo a bone e bile a ba gakolola go lema dijwalo tse di bogadi bo gaufi jaaka dinawa, ditloo, letlhodi, manoko le dijo tsa loruo di tshwana lab lab.

Rre Mothatego o rile le ntswa ba tsweletse ka go tsaya dipalo tsa thobo ya ngogola, o na le tlhobaelo ya gore fa dipula dika seka tsa phaila thobo eo e ka seka ya lekana go jesa tshaba ya lefatshe leno mo dipakeng tse di tlang.

A re le ntswa dipula di ise di phaile, letsema le tshwanetse go tswalelwa kgwedi ya Hirikgong e le masome a mararo ngwaga o o tlang mo dikgaolong tsa borwa jwa lefatshe leno fa kwa bokone jwa lefatshe leno le tshwanetse go tswalelwa kgwedi ya Tlhakole e le lesome le botlhano ka 2016. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 25 Oct 2015