Ba rotloediwa go ithamela dikgwebo
27 Oct 2015
Mothusa tona wa merero ya ofisi yaga tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, o rotloeditse badirelapuso go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone fa ba tlogela tiro ka bogodi.
A re ere ka mmuso o dumelane molao o o letlelelang badirelapuso go tsena mo dikgwebong, go mo maruding a bone go ikadimela madi mo dibankeng kana go dirisa mananeo a puso go simolola dikgwebo jaaka dikoporase.
Rre Makgalemele a re e re ka badirelapuso ba tlhaelelwa ke boroko, go mo maruding a bone go adima madi mo dibankeng kana go dirisa lenaneo la SHHA go aga matlo a ba ka a hirisetsang mmuso go nna badirelapuso ba ba direlang mo dikgaolong tseo.
A re le ntswa badirelapuso ba kgaolo ya gagwe ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go berekela kgakala le ditlamelo, tlhaelo ya boroko, tlhaelo ya dikoloi le bodiredi, o itumelela ka fa babereki ba kgaolo ya Shoshong ba tshwarang setshaba ka teng le ntswa ba tlhaelelwa ke ditsompelo segolo jang mo dikoleng gammogo le mo dikokelwaneng.
Rre Makgalemele a re e re ka babereki ba maphata mangwe ba dira ditiro tsa botlhokwa, ke sone se goromente a dirileng molao o o kgoreletsang babereki ba maphata a go nna jalo go inaakanya le ngalo ditiro jaaka go diragatse ka ngalo ditiro ya ngwaga wa 2011.
Mothusa tona o tlhalositse fa maphata a a sa tshwanelang go tsena mo ngalong ditiro e le a barutabana, badiri ba lephata la metsi le motakase,baoki le dingaka, babereki ba diteemane le bakgweetsi ba difofane.
Rre Makgalemele o kgothaditse badirelapuso go bala melawana ya tsa khiro le go neela setshaba ditlamelo jaaka go tshwanetse gore setshaba se kgone go nna le tshepo mo go bone.
E rile badirelapuso batswa la bone, ba ngongoregela go tlhoka go tlhatlosiwa maemo, go tlhoka go isiwa dikoleng go ya go ikoketsa dikitso, go tlhoka go duelwa madi a RASA le tlhaelo ya boroko le dipalamo.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Shoshong Senior Secondary, Rre Emmanuel Kwape o boletse mo mafokong a gagwe a go tswala phuthego fa a lebogela mopalamente go kopana le bone go lekodisana ka ditlhabololo tsa kgaolo le go utlwa matshwenyego le dikgwetlho tse ba lebaneng natso.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego
Date : 27 Oct 2015






